Xere o ipela ka baithuti
18 May 2016
E ne e le lantlha Xere a nna le bana ba ba feditseng lekwalo la botlhano ka 2015.
Baihtuti ba ba feditseng lekwalo la botlhano kwa sekoleng se segolwane kwa Letlhakane ke basetsana ba le bararo mme go solofetswe gore ba fetele kwa dikoleng tse ditona.
Se se builwe ke Kgosi Odiiletswe Kefeletswe wa nngwe ya dikgotlana tsa motse oo.
O ne a tlhophilwe ke bogogi jwa Xere go fa ditso tsa motse oo ka nako ya molelo wa kgolagano o tsile kwa go bone ka Matlhatso.
A re bana bao ba tshwanetse ba iteelwa legofi e bile ba nna sekao mo motseng ka ba dirile ditso.
A re ba supile fa go tswa kwa metseng e e kgakala le ditlamelo go sa kgoreletse isago ya motho.
Kgosi Kefeletswe o supile fa bana ba sekole se sebotlana sa Xere ba sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa lekwalo la bosupa.
Kgosi o ne gape a supa fa Xere a simolotswe semmuso ka ngwaga wa 2002 morago ga gore ba fudusiwe ke mmuso kwa lefelong la diphologolo la CKGR.
O tlhalositse fa a bona kgolo le kgatelopele ya motia go tshwantshanya le fa ba le kwa CKGR.
Kgosi Kefeletswe o ne a tlhalosa fa ba ne ba thusiwa ke ba sepodisi ba SSG go aga ntlo ya letso la Sesarwa ya mogwaafatshe mo tshimologong ya ngwaga one o.
Kgosi a re ba ba thusitse ka mapako mme banni ba ithaopa go rema bojang jo ba bo dirisitseng go aga ntlo eo ya ditso e a supileng fa e le tsididi ka paka ya selemo mme e fetoge e nne bothitho ka paka ya mariga.
Mo lelwapaneng le a reng le agilwe ke baithaopi ba banni ba motse wa gagwe, kgosi o ne a nankola dibetliwa ebong dinkgwana, diphetlho, dintshwana, mefotswana,dikgamelo le maungo a tlholego ka bongwe mme thata a remelela mo maungong a mokate.
A re maungo ao a a nang le tshwano ya magapu ba tlholegile ba a dirisa e le metsi, a tlatsa ka gore ba ne ba tsenya molora wa leiso mo go one go ritibatsa manye a one mme ba nwe metsi a one ka nako ya madiso.
“E ne e re o tsamaya le motho yo o noleng mokate wena o sa nwa o ne o ka lapa wa tlhaela mo tseleng mme ene a tsweletse ka mosepele,”ga latlhela Kgosi Kefeletswe.
Kgosi o ne a akgola mmuso go ba fudusa kwa lefelong la diphologolo la CKGR a re le ne le le lenyora e bile ba sotlega ba tlhoka dijo.
Fa a tswelela ka tekodiso ya motse, kgosi o supile fa a itumelela mananeo a puso a re a thusa go tokafatsa matshelo a bone. A re ba Ipelegeng ba kgonne go aga ntlo ya ba sepodisi le go shafatsa le go tokafatsa matlo a badirelapuso mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : XERE
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 18 May 2016






