Breaking News

ISPAAD e ka thusa go direla lefatshe dijo

18 May 2016

Balemi ba tsweletse ka go akola lenaneo la ISPAAD le le ba thusang go nna le seabe mo go jeseng lefatshe le.Se se builwe ke molemisi wa Mokoswana, Rre Arabang Arabang mo phuthegong ya kgotla bosheng.

O ne a kopa balemi go ikwadisetsa dipeo le menontshane e ba tlaa e dirisang mo temong nako e sa ntse e le teng go itsa tiego.O tswelela a tlhalosa fa lenaneo leo le thusa batho go agelela masimo a bone. 

Rre Arabang a re balemi ba ka itira setlhophana mme fa masimo a bone a dira ditema tse di lekgolo le masome a matlhano ba ka thusiwa go agelela masimo a bone.A re fa batho ba ikopantse ba ka epelwa sediba, a tlatsa ka gore sediba sa teng ga se letlelelwe go ka nosa leruo.E re go ntse jalo, a re balemi ba popota ba tshwanetse go ikwadisa go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha kgwedi ya Seetebosigo ngwaga le ngwaga.

Ka jalo gore e re ka kgwedi ya Lwetse molemi a tle go tsaya pampiri e go tsewang dipeo ka yone, a tlhalosa gore fa balemi ba ka tsibogela dikgakololo ba ka bona dipeo ka nako.

Rre Arabang o ne a tlhalosa gore fa motho a tsere pampiri ya go phaka peo o kgona go tsaya peo ka yone gongwe le gongwe, mme a ba gakolola gore ba seka ba e tlogela kwa marekisetsong ka gore pampiri eo ke madi a puso e tshwanetse go tshwarwa sentle.

 “Ka motho a sa itsiwe e se naga mabentlele a ka dira botsotsi fa o tlogetse pampiri eo ba supa fa o tsere peo mme fa gongwe o sa e tsaya ka jalo somarelang dipampiri tseo betsho,” Rre Arabang a tlhalosa.

Le fa go ntse jalo, o ne a ba rotloetsa go nna teng ka nako ya temo kwa masimong a bone go ka ela tlhoko gore a diterekere di lema ka fa go tshwanetseng.A re molemi o na le tshwanelo ya go koba mong wa terekere fa a lemoga gore ga a mo lemele sentle go itsa go senya dipeo.

O kgothaditse gore ba tsibogele go tla go baya monwana fa ba fetsa go lema gore beng ba diterekere ba tle ba duelwe ka nako.O ne a ba rotloetsa go tla ka tse di tlhokafalang tsotlhe fa ba tla go ikwadisetsa madi a temo, a tlatsa ka gore go dira jalo go ka fefosa dituelo tsa bone.

Rre Arabang o ba kopile go kuela thobo ya bone ka dinako tsotlhe, a re go dira jalo go ka thusa puso go sekaseka gore lenaneo le dira jang.

Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa dipula tse di boutsana di kgoba balemi bangwe marapo, a re mmidi ga o dire sentle fa go sena bokgola jo bo lekaneng le mororo balemi ba kgaolo eo ba rata go o lema. 

Rre Arabang o supile fa mabele, dinawa le magapu a kgona go itshwarelela ka nako ya leuba fa a tshwantshanngwa le mmidi, a re balemi ba inaakanye le go a lema, a tlatsa ka gore mabele ke sejo segolo sa lefatshe leno. 

Go bona thobo e e nametsang, a re batho ba tshwanetse go tlhagolela dijalo.A re mhero o na le botlhole jo bo ka dirang gore dijalo di seka tsa gola sentle kana fa gongwe di felele di sule. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : MOKOSWANA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2016