Breaking News

Bagwebi ba ba botlana ga ba na go duela diteseletso

18 May 2016

Mogolwane wa ofisi ya melawana ya khansele ya Gaborone, Rre Thapelo Ngiya, o tlhalositse fa khansele e tsere tshwetso ya gore e seka ya duedisa diteseletso tsa bagwebi ba babotlana.

Rre Ngiya o buile se kwa phuthegong ya banni ba kgaolo ya Gaborone bogare, e e neng e biditswe ke ofisi ya gagwe.

“Ka ntlha ya letlhoko la ditiro, khansele e bone gole maleba gore e dire ka tsela ee ntseng jalo, mme go a tshwenya ka Batswana ba tsentse batswakwa go tsweledisa dikgwebo tsa mofuta oo. Tetla e e filwe Batswana baba sa berekeng fela,” a tlhalosa.

 Rre Ngiya o kopile banni go tshwaragana le go dirisanya sentle gore go nne le thokgamo.Rre Ngiya a re lekalana la bye law le simolodisitswe ka 2012, go diragatsa melao yotlhe ya khansele.

“Re dirile melawana e gore re e diragatse. Batswana ba tshwanetse gore ba e itse, kana fa go ntse jalo ga gona gonna le kgotlhakgotlhano mo tirisong ya teng, le kobamelo ya melao e tla nna ee lolameng, ka motho a ya go itse gore o tshwanetse go dira eng,” a tlhalosa.

O tlalositse gore ka ntlha ya melawana  e, go simolotswe go diragatswa melao ee dirilweng ke khansele, le melao ee lebileng gore e ka diragatswa.

“Tiro ya rona ke go bona gore a mme melawana ya khansele kafa e dirilweng ka teng ea obamelwa e bile gore ea diragatswa jaaka e ntse, le go bona gore a mme Batswana ba aa itse,” a tlhalosa.

Rre Ngiya a re tiro e nngwe ya bone ke go aba diteseletso tsa go dira modumo mo meletlong.

“Gore go nne le kagisano re tshwanetse gore fa motho a batla go dira sengwe a bo gona le taolo ya gore go tlaa dirwa ka tsela e e ntseng jang, ee sa gateng ditswanelo tsa ba bangwe,” a supa.

O supile fa molao o sa letle modumo o montsi, a re Batswana ke batho baba tlholegileng ele batho ba kagiso le thokgamo, ka jalo ba tswanetse go boela kwa ngwaong ya bone, jaaka fa lefatshe le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano.

“Re ntsha gape diteseletso tsa go rua dintsa, ele ntlha e nngwe ya go dira gore go nne le kagisanyo,” a bua.Rre Ngiya a re diteseletso tsa go dira modumo di santse di abiwa mahala, mme ba mo thulaganyong ya go simolodisa dituelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 18 May 2016