Breaking News

Makhanselara a thusa mogodi ka dilwana

18 May 2016

Khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau e abetse Rre Masobane Motsamai diaparo, dikobo le, didirisiwa tsa mo tlung.Badiri ba ne gape ba  phepafatsa bonno jwa ga Rre Motsamai, yo e leng mongwe wa bagodi kwa Lentsweletau.

Thomo eo e e neng e eteletswepele ke mokhanselara wa kgaolwana ya Bonewamang kwa Molepolole, Mme Babantle Mmatli go kailwe e atlilwe ka mowa wa popagano wa go aba ga  makhanselara a Molepolole/Lentsweletau ka maikaelelo a go eletsa go dira pharologanyo mo botshelong jwa ga Rre Motsamai.  

Modulasetilo wa khansele potlana, Rre Botokanayana Motoroko a re maikaelelo magolo a tiro eo ga se fela go aba gore e re maina a bidiwa le la bone le nne teng, mme ke go eletsa go bona mogodi yoo, yo o nnang a le nosi le ntswa a na le bana ba le batlhano a na le monyenyo ka go lemoga fa go na le ba ba kgathalanag ka seemo sa botshelo jwa gagwe. 

O tsweletse a supa fa thuso ya ga Rre Motsamai e itebagantse le go mo fa seriti ka bonno jo bo phepa le diaparo tse di ka mo fang tshireletsego go thibela go tsenwa ke makowa a a tlisiwang ke paka ya mariga. Rre Motoroko a re ba ne ba thusa Rre Motsamai morago ga go wetsa tiro ya beke ya dipuisanyo tsa khansele-potlana ya Molepolole/Lentsweletau tse di neng di tshwaretswe kwa Lentsweletau.

A re ba tsere tshwetso ya go tlhomamisa gore fa go tlhokegang teng ba tlaa tshwarela dipuisanyo tsa khansele-potlana mo metseng e e akarediwang ke khansele eo ka maikaelelo a go isa khansele kwa setshabeng se e se direlang.

 Mo mafokong a go leboga le go rotloetsa thulaganyo ya makhanselara ao, mothusa molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Mme Boingotlo Ngaka, o ne a supa fa mowa wa go abelana o aga setshaba le go supa popagano ka go utlwelana botlhoko. 

Mothusa molaodi Mme Ngaka o ne a akgolela baeteledipele ba sepolotiki go ngangatlela popagano ya setshaba e e sa ba agololeng ka ntlha ya dipharologanyo tsa bone tsa sepolotiki.Mothusa kgosi wa Lentsweletau,  Rre Jack Motswakhumo  o lebogetse tiro ya makhanselara a re go supa go kgathalela dikgang tse di amang tlhabololo ya matshelo a batlhophi, a supa fa go neela seriti yo o abelwang le go segofatsa yo o abang. BOKHUTLO

Source : Kebaeditse Baitlotli

Author : BOPA

Location : LENTSWELETAU

Event : Kabo dimpho

Date : 18 May 2016