Thuto le kgodiso ya ngwana kgetsi ya tsie
15 May 2016
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Machaneng, Mme Dikeledi Moeti, a re mowa wa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana o tsweletse ka go ntsha maduo a mantle kwa sekoleng seo.
Mme Moeti o buile mafoko a mo potsolotsong bosheng. A re batsadi ba Machaneng ba tshwanelwa ke go akgolelwa go supa fa ba tlhaloganya fa thuto ga mmogo le kgodiso ya ngwana e le kgetsi ya tsie.
O boletse gore batsadi ba supa kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang.
Mme Moeti a re batsadi fa ba bilediwa diphuthego kwa sekoleng go tla go lekodisana ka fa bana ba tsweletseng ka teng, ba tla ka dipalo tse di nametsang. O tsweletse ka gore se sengwe gape se se kgatlhisang ke gore le fa batsadi ba sa bidiwe, ba kgona go etela kwa sekoleng go ya go lekola maduo a bana gangwe le gape.
A re bangwe batsadi ga ba ipone tsapa go etela bana kwa sekoleng ba bo ba tlhola mo matlong a borutelo go ya go bona ka fa bana ba rutwang ka teng.
Mme Moeti o boletse gore tshwaragano e ga e ntshe maduo a mantle fela mo dithutong, a re e thusa gape go aga botho jwa bana.
O ne a kaya fa boitshwaro jwa bana mo sekoleng le kwa malwapeng bo nametsa.
Go sale foo, Mme Moeti a re e ne ya re ngogola komiti ya gagwe ya kopa gore go agiwe ntlo ya setso mo sekoleng.
A re lebaka la kago ya ntlo eo e le go tla go kokoanyetsa didirisiwa tsa setso mo go yone gore e re fa bana ba rutwa ka tsone ba bo ba kgona go di supegediwa e seng go di bonela fela mo ditshwantshong.
Mme Moeti a re batsadi ba ne ba dumalana ka bongwefela ja pelo mme ope a seka a batla go ipona a saletse kwa morago mo tirong eo.
Ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, Mme Moeti a re ba solofela gore ka ntlha ya tshwaragano e, ngwaga mongwe sekole sa bone se tlaa bo se itlhomile kwa pele se gaisa dikole lefatshe ka bophara. O ne a supa fa maduo a tsweletse ka go tsholetsega ngwaga le ngwaga.
Modulasetilo o ne a rotloetsa mowa oo wa tshwaragano gareng ga batsadi le barutabana.
A re ga a eletse go bona ka letsatsi lepe motsadi ope a ikgogetse kwa morago. O ne a rotloetsa batsadi gore ba tswelele jalo mme ba etele le kwa dikoleng tse dikgolwane go lekola tiro ya ban a ba bone.
Mme Moeti o ne gape a rotloetsa bana go tlhwaafalela dithuto tsa bone, a bolela fa thuto e le boswa jo bo sa lwelweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MACHANENG
Event : Potsolotso
Date : 15 May 2016






