Banni ba goga dinao
15 May 2016
Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch kwa Francistown a banni ba kgaolo eo ba maoto a tshupa mo mererong ya ditlhabololo.
O buile seo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Francistown Bophirima, Rre Ignatius Moswaane ka Labotlhano.
Kgosi Moses a re leobo la kgotla eo le sale le shele ngwaga o o fetileng mme morafe ga o supe mowa wa boipelego go lr aga gape
A re smatlhogo tshweu a tshwanetse go nna sekao mo bananeng.
Kgosi Moses o tlhalositse fa komiti ya motse e dirile sengwe mathata go pala one morafe go tsenya letsogo.
A re ene o rata morafe o o itirelang eseng go nna ba ikaegile ka puso dinako tsotlhe a tlatsa ka gore mabogo dinku a a thebana.
Kgosi Moses o tsweletse a re le fa go ntse jalo, o tlaa aga leobo le lentle le ka go kopa thuso mo mehameng e e ikemetseng.
O tlhalositse gore ka lesego la gagwe, o kgonne go bona thuso go tswa kwa khanseleng ka madi a go thusa go aga leobo leo.
Kgosi Moses a re leobo le fa kgotla seriti se morafe o ka kgonang go ithona dinta sentle dikgang tsa bone di sa fokwe ke phefo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Dinah Gabaitshenye a re Monarch ke ene a di gogang kwa pele mo borukutlhing.
A re banana ga ba tsene diphuthego go utlwa tse di amang matshelo a bone a re nako ga e sa tlhole e le ya maloba.
Mme Gabaitshenye o kopile go okelediwa palo ya babereki ba Ipelegeng a tlhalosa fa kgaolo eo e na le tiro e ntsi.
Fa a araba matshwenyego a bone, mopalamente Rre Moswaane a re puso e dule ka mananeo a le mantsi, go leka go fokotsa yone palo ya Ipelegeng.
O supile fa tiro ya Ipelegeng e se ya sennela ruri mme e le ya nakwana gore batho ba tle ba bone madi a go palama go latela mananeo kwa a leng teng.
Rre Moswaane a re puso ya lefatshe leno e rotloetsa mowa wa go itirela ka jalo morafe o tshwanetse go supa kgatlhego mo mananeong.
O ne a kopa morafe go thusa kgosi go aga leobo la maemo a ntlha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 15 May 2016






