Metshameko e bula bana ditlhaloganyo
15 May 2016
Mogolwane mo ofising ya mopalamente kwa Bobonong, Rre Monkemedi Dingalo, a re metshameko ya setso jaaka diketo, mhele le morabaraba di bula bana tlhaloganyo.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Dingalo o tlhalositse fa bogologolo metshameko e, e ne e tsewa e le thuto mo baneng ka bangwe ba bone ba ne ba sa tsene dikole. A re bana bangwe ba ne ba tsaya metshameko e ka tlhwaafalo ka e ne e le tsela nngwe ya go ithuta.
O kaile fa go tshameka mhele kana diketo go se bonolo ka gore go tlhoka kelelelo e e feletseng gore motho a kgone go e tshameka.Rre Dingalo o tlhalositse fa bogologolo go ne go sena ditshwantsho tsa motshikinyego, ka jalo bontsi jwa bana bo ne bo itlosa bodutu ka metshameko e.O supile gape fa metshameko e, e ne thusa bana go ba ntsha mo ditirong tse di sa siamang jaaka go nwa bojalwa.
A re batho ba bogologolo ba ne ba rutegile thata ka gore ba ne ba itse botlhokwa jwa metshameko e mo baneng. Rre Dingalo a re mo malatsing a gompieno bana ba itlosa bodutu ka tsela e e seng yone jaaka go nwa majalwa mme seo se felele se beile matshelo a bone mo diphatseng.
A re bogologolo batho ba ne ba itisa ka go tlhaba mainane mme gompieno batho ba dira maitiso a e seng one e bile a sa siamela matshelo a bone.O tlhalositse fa go tlhoka go tsaya metshameko ya setso tsia go dirwa ke gore bana ba tsaya nako e ntsi ba dira ditiro tsa sekole.Rre Dingalo o gwetlhile Batswana go tshwaragana le go ruta bana ngwao gore ba seka ba latlhegelwa ke se ba leng sone a tlatsa ka gore ngwao e neela motho seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 15 May 2016






