Puso e emetse lehuma ka dinao
15 May 2016
Puso e itomile molomo wa tlase go nyeletsa lehuma.Se se boletswe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Legare, Rre Fredrick Tjienda, ka letsatsi la go ipapatsa le le neng le rulaganyeditswe bagwebi ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma kwa Sefhare bosheng.
Mokhanselara Tjienda, yo a leng mo komiting ya nyeletso lehuma kwa khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, a re maikaelelo a puso ke go bona Motswana mongwe le mongwe a akola itsholelo ya lefatshe leno.A re keletso ke gore mongwe le mongwe a nne le seriti mme a supa fa seo se ka diragala fa mongwe le mongwe a na le bonno jo bo siameng, dijo, le diaparo.
Ka jalo a re maikaelelo a nyeletso lehuma ke gore ba itsholelo ya bone e leng kwa tlase ba fiwe dithuso tsa dikgwebo dipe fela tse ba eletsang go tokafatsa matshelo a bone ka tsone.
Rre Tjienda o ne a akgola ba ba ileng ba tsibogela lenaneo la nyeletso lehuma e bile ba sa ntse ba tshwere ka natla mo dikgwebong tsa bone. O boletse gore se batho bao ba se dirang se tlaa thusa gape go fokotsa letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno. A re bangwe ba dikgwebo tsa bone di tsweletseng sentle, ba thapile bangwe ka bone. Rre Tjienda o ne a kgothatsa bao ba ba semeletseng go tshwara ka one mokgwa oo.
O tsweletse ka gore lehuma le ka fenngwa fela fa ntwa kgatlhanong le lehuma e ka tshwaraganelwa ke banaleseabe botlhe.E rile a tswa la gagwe, morulaganyi wa letsatsi leo go tswa kwa khanseleng ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Mme Kagiso Senthufhe a bolela fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go kopanya bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma le ba ba itshimololetseng dikgwebo mo kgaolong gore ba tle go ipapatsa.
Mme Senthufhe bagwebi ba ne ba fiwa sebaka sa go tsaya malebela mo go ba bangwe le go abelana megopolo mo go tsa kgwebo.A re letsatsi le gape e ne e le tsela nngwe ya go rotloetsa ba ba saletseng kwa morago go iketleeletsa go tsaya mananeo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : SEFHARE
Event : Letsatsi la go ipapatsa
Date : 15 May 2016






