Breaking News

Disana o ipaakanyetsa go amogela sekole

16 May 2016

Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus, o gwetlhile batsadi ba kgotla ya Disana kwa Maun go tsaya thuto ya bana ba bone ka tlhwaafalo.

Rre Markus o buile seo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana ya go tlhagolela go bulwa ga sekole se segolwane  se sesha sa Maitlamo.

A re batho ba Disana ba segofetse ka go agelwa sekole seo sa P127 million.

Sekole seo se oketsa dikole tse dikgolwane go nna tlhano mo Maun, e bile se solofetswe go thusa go fokotsa mosuke mo dikoleng tse di ntseng di le teng tseo.

Rre Markus a re go tlhoka go dira sentle baithuti go bakiwa ke go tlhoka botho, ka jalo a re batsadi ba tsennye bana ba bone leitlho ka dinako tsotlhe, le go latedisa gore dithuto tsa bone di tsamaya sentle.

Go tlhoka botho ga bana, a re ke gone go bakang gore bana bangwe ba senye dithoto tsa sekole.

Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Oleyo Ledimo o ne a kopa batsadi gore ba rotloetse bana ba bone go tlhokomela sekole seo sa maemo a ntlha.

Kgosi Ledimo a re bana ba gompieno ga ba na botho mme ba ka kgonwa ke go tsenya letsogo ga batsadi.

Morutabana, Mme Ellen Masesane le ene o ne a tshwaela gore go botlhokwa gore batsadi ba itsalanye le bana ba bone, a re tiriso ya ditagi e atile mo baneng ba dikole tse dikgolwane, ka jalo  fa batsadi ba itse bana ba bone, ba ka lemoga ka bonako fa ba dule mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 16 May 2016