Breaking News

Nnotagi le diritibatsi mmaba

16 May 2016

Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, o kopile batsadi go hemela bana mo dilong tse di ka senyang bokamoso jwa bone.Tona Kgathi o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mmathubudukwane mo kgaolong ya Kgatleng ka Laboraro. A re batsadi ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go godisa bana ba bone.

Tona o ne a dira kopo eo morago ga gore Kgosi Michael Balebetse a supe matshwenyego ka baithuti ba ba dirisang nnotagi le diritibatsi.Tona Kgathi o ne a supa fa go le mo maruding a batsadi go tsenya bana mo tseleng le go ba lemotsha borai jwa go dirisa nnotagi le diritibatsi.

O ne a ba bolelela fa mo Setswaneng ngwana a laolwa ke batsadi e bile a sa kake a dira go rata le go kgona mo lwapeng la batsadi ba gagwe.A re fa batsadi ba letlelela bana ba bone go dira boitaolo, ba fetisetsa boikarabelo jwa go ba otlhaya kwa pusong.

Rre Kgathi a re nnotagi le diritibatsi di borai mo matshelong a bana mme batsadi ga ba a tshwanela gore fa ba bona ngwana a dirisa dilo tseo ba bo ba itibisa go sele.Kgosi Balebetse ene o ne a supa fa maitseo a a dirwang ke bana bao a sa jese monate bogolo jang ka ba nna le batsadi ba bone mme potso e le gore dilo tse ba di direla kae.

Kgosi Balebetse o ne a kopa batsadi go ema ka dinao go supa fa e le batsadi e bile ngwana a ka seke a itaola mo pele ga bone.A re o belaela gore batsadi bangwe ba dira dilo tse le bana ba bone mme fa go ntse jalo go nna thata go ka laola ngwana.

Kgosi a re o tshwentswe ke bana ba sekole sa Madikwe ba ba gogang motokwane mme seo se kokonele thuto ya bone mme bokamoso jwa bone bo felela mo phefong.Kgosi Balebetse o ne a kopa puso gore e letlelele moretlwa go lela gore bana ba tle ba boele mo ngwaong ya Setswana.Batsadi le bone ba ne ba supa fa ba tshwenyegile fela thata ka dikgang tseo bogolo jang ka bana ba sa letlelelwa go betswa mme seo se dira dilo thata le maitseo a bone a nna makgasa le go feta.

Mme Masego Sekate a re maitsholo a bana ga a itumedise gotlhelele mme a kopa gore bana ba betswe gore ba tsene mo tseleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 May 2016