Breaking News

Motsadi pinagare ya thuto

12 May 2016

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, o gakolotse banni ba Xere go tsaya karolo mo dithutong tsa bana ba bone le go netefatsa gore bana ba tsena sekole.

Tona o buile se mo phuthegong e a neng a e tshwere go lekodisana le banni ba motse oo.

A re puso e dirisa madi a mantsi go aga dikole le go thapa barutabana ka jalo batsadi ba tshwanetse ba netefatsa gore bana ba tsena dikole.

O kopile dikgosi le dikgosana tsa motse oo go tshwaraganela bana le batsadi ka go netefatsa gore bana ba ba tshabang sekole ba a otlhaiwa.

O tsweletse a kopa ba boipelego go thusa mo seemong se bana ba tlogelang dikole ntle le lebaka lepe.

Tona o boletse se fa a araba matshwenyego a morafe a gore go na le bana bangwe ba ba tlogelang sekole mme ba inaakanye le ditiro tsa borukutlhi jaaka go utswa mme go lebega batsadi ba bone ba sa dire sepe go lwantsha seemo se.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la boipelego, Rre Victor Thake o ne a tlhalosa fa e le boammaaruri motse wa Xere o na le dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tlogelang sekole.

A re bontsi jwa bana ba ba tlogelang sekole ba ya go bereka kwa merakeng e le badisa. 

O tsweletse a tlhalosa gore fa badiredi ba sekole ba lata bana ba gonna jalo, batsadi ba bone ba a ba fitlha mme se se ketefatse maiteko a go ba busetsa sekoleng.

Go leka go laola seemo se, Rre Thake a re ba tlhomile komiti mo metseng yotlhe ya Boteti e ka yone ba fang batsadi thuto e e tseneletseng ka botlhokwa jwa thuto.

A re fa ngwana a tswa mo sekoleng o felela e nna motlhoki yo o tshelang ka dithuso tsa ga goromente mme se se babalela puso fela thata.

Mo go tse dingwe tse di amanang le motse wa bone, monnasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Timothy Taolo o ne a lela ka letlhoko la metsi mo motseng.

A re leruo le ba le fiwang ke goromente go intsha mo lehumeng le bolawa ke lenyora.

O tlhaloseditse tona gore e le ba Xere ba tshwenngwa ke diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou tse di ba senyetsang mo masimo mme e bile gape ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba tsaya lebaka le le leele go ba neela phimolo dikeledi fa ba senyeditswe ke diphologolo.

Rre Taolo o tsweletse ka go tlhalosa gore ba tlhoka polase e ba ka ruelang kana ba lema mo go yone mme ba kopa gore mo dipolaseng tse some tse di tshwanetseng go abiwa, e le nngwe e beelwe fa thoko go fiwa morafe wa motse wa Xere.

Ya re a araba matshwenyego a bone, Rre Tsogwane a supa gore puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi le lefatshe.

A re e le ba puso ba a lemoga gore phimolo dikeledi ga e a lekana mme a gakolola banni go tsaya methale e ba e fiwang ke ba lephata la diphologolo le makgabisa naga jaaka ya go lema pherefere, go tshuba dibi le go rua dinotshi go koba ditlou mo masimong a bone.

O kopile banni gore dithuso tse ba di fiwang ke puso di seka tsa ba dira matepe, ba tshwanetse ba ipha botlhale jwa go itshetsa.

Rre Tsogwane o ne a solofetsa banni fa a tla isa mangwe a matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oageletse Modirwagale

Location : XERE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 May 2016