Breaking News

Go thujwa ga mabentlele ga go robatse mapodisi

12 May 2016

Ramapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko, o tlhalositse fa go thujwa ga mabentlele le dibara go ile magoletsa kwa Bobonong.

Rre Seoko o boletse mo potsolotsong gore mo dikgweding tse tharo mo ngwageng ono ba gatisitse ditiragalo tsa go thujwa ga mabentlele di le boferabobedi mme ba gatisa di le tlhano mo kgweding ya Moranang.

Ramapodisi a re ba lemogile fa go na le segongwana sa makawana a a tsamayang bosigo a thuba marekisetso a dijo le dibara ba go lemosegileng fa ba tswa kwa Tobane.

Rre Seoko a re ba ne ba phoronya mongwe wa segongwana sa makawana a ba sa ntse ba thuba lebentlele lengwe.

Superintendent Seoko o boletse fa e rile ba phoronya mongwe wa segognwana se, ba bangwe ba ne ba tsena ka lenga la seloko.

Rre Seoko a re ba tshegeditse lekawana le le neng la tshwarwa e bile ba sa ntse ba le mo letsholong la go tshwara ba ba tshabileng ba thusiwa ke yo ba mo tshwereng go latedisa ba ba falotseng.

O kopile beng ba mabentlele mo Bobonong go thapa badisa dikago le dikompone tse di disang dikago.

Mo go tse dingwe ramapodisi a re ba tlhotlhomisa dintsho di le pedi tse di begetsweng ofisi ya bone.A re mo tiragalong e nngwe, ba ne ba begelwa fa lekawana la dingwaga tse di lesome le borataro le le tlholegang kwa lefatsheng la Zimbabwe le fitlhetswe le akgega mo setlhareng kwa masimong a mothwane.

Rre Seoko a re lekawana le, le ne le tsene mo lefatsheng leno e se ka fa molaong le etetse ba losika la gagwe ba ba nnang mo lefatsheng leno.

 A re setopo sa lekawana le, se kwa setsedifatsing e bile ba losika ba setse ba itsisitswe.

O tlhalositse fa dithulaganyo tsa go isa setopo sa lekawana le kwa Zimbabwe di tsweletse sentle. ENDS

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 12 May 2016