Breaking News

Badiragatsi ba kopiwa go tsaya malebela

12 May 2016

Mogolwane wa ofisi ya banana kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Mme Felicity Nyoni, o kopile badiragatsi ba kgaolo ya Kweneng go tsaya malebela mo badiragatsing ba ba duleng mo kgaolong ya bone go emela lefatshe leno kwa mafatsheng a sele. 

O ne a bua kwa tshimolodisong ya dikgaisano tsa mantshano tsa mmino wa Tsutsube e e neng e tsenwe ke ditlhopha tse supa tsa Kweneng go ipatlela phatlha kwa dikgaisanong tsa letsatsi la ga Tautona kwa Letlhakeng bosheng.

Mme Nyoni o supile fa maikaelelo a dikgaisano tse e le go ntsha banana mo mekgwatlheng ga mmogo le go ribolola talente .      

O ne a a fa sekai ka setlhopha sa Makwakwa go tswa kwa Mogoditshane ka se kile sa emela lefatshe leno kwa Japan ga mmogo le sa Dipela tsa ga Kobokwe se se kileng sa ya kwa lefatsheng la Kenya.

A re se se tshwanetse go ba tiisa moko ka gore ba na le bokgoni jwa go emela lefatshe leno le gone go itshetsa ka ditalente tsa bone. 

O bile a kopa badiratsi gore ba reke bukana ya melawana ya ngwao gore ba kgone ba dire dilo tsa bone sentle.  

E rile a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Mme Tlotlo Mohurutshi a lebogela  morafe wa Letlhakeng go bo o tsile ka dipalo tse di nametsang go rotloetsa bana ba bone.

O kaile fa go supagetse fa banana ba amogetse mafoko a ga Tautona wa pele a a reng tshaba e senang ngwao ke moka e suleng, ka ba tsena ka dipalo tse di nametsang mo ditlhopheng tsa mmino wa setso, a kaya fa se se supa tlhwaafalo mo bananeng. 

E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Tatatokwane-Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi  a supa fa a itumeletse se ba se bonyeng fa go supagala fa banana ba tshwere ngwao ya bone ka tlhwaafalo, mme a kopa badiragatsi go tsaya dikgakololo tsa bagakolodi ba bone ka tlhwaafalo ka e le bone ba ka ba kgontshang go tokafatsa matshelo.   

Rre Batlhophi o bile a  kopa badiragatsi go nna le dikomiti tse di tsamaisang ditlhopha tsa bone gore di tsoge di ba solegela molemo. 

O supile fa ditlhopha di le dintsi di tshabelelwa ke go phatlalala ka di a bo di sena botsamaisi jo bo tsepameng.

 O bile a ba kopa go bopagana ka jaana popagano e le phenyo, mme a supa fa go bina mmino  o tshwana le wa Tsutsube go siametse mebele ka go e sidila. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Dikgaisano tsa mmino

Date : 12 May 2016