Breaking News

Kgang ya mabitla e tsositse kgaruru

12 May 2016

Bakgatla ba supile maikutlo a a farologanyeng mabapi le molao wa tlhokomelo ya mabitla o.

Ba supile maikutlo a bone  mo phuthegong e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong bosheng.

Bakgatla ba supile fa molao oo, ba sa o amogele ba kaya fa ba batla therisano pele melao e diragadiwa go na le gore khansele e tseye tshwetso fela ba sa bua le morafe.

Ba buile ba sa kgwe mathe ka molao oo, ba re ga ba dumalane le one mme ba eletsa gore o ka seke wa dirisiwa gotlhelele ba kaya fa molao oo o ka ba latlhisa ngwao ya bone ya Sekgatla. 

Ba boletse fa bone ka ngwao ya bone ba sa epelwe mabitla mme e bile go na le bangwe jaaka ngaka ya Setswana e ba tlhalositseng fa e bolokwa ka makuku a naka tsa kgomo ba supa fa molao oo fa o ka dirisiwa o ya go ba baya ka fa mosing.

Ba tlhalositse fa bone ba itse sentle gore kopo e ba e kopileng ke ya gore mabitla a segiwe sentle gore ba somarele  lefatshe  e seng sepe gape.

Fa a tswa la gagwe Rre Phalaagae Dintwe o boletse fa keletso ya bone e le gore mabitla a segiwe fela eseng molao oo.  O ne a tlhalosa fa go na le ditsamaiso tse di dirwang fa ngwana a fitlhwa mme seo se tsile go tlhakatlhakanya tsamaiso ya bone.

Rre Kobedi Moagi ene o tlhalositse fa ka ngwao ya bone ngwana fa a bolokiwa le mmagwe jaaka molao oo o tlhalosa a tlatsa ka gore le kgang ya  mabitla a a epetsweng ruri  Sekgatla se bifela mabitla a go nna jalo a re ba tlhapaditswe e le Bakgatla ka molao oo.

Fa Mme Tidimalo Mokgadi ene a supile fa molao oo,fa o ne o akareditse le jone boitshwaro le kapari ko mabitleng ene o ka ba thusa fela thata a tlhalosa fa batho segolo thata banana ba  sa itshware sentle le kapari ya bone e se e e siameng  ko mabitleng.

Modulasetilo Morolong a re ba ne ba tsibogela kgang eo ka go kopana e le makhanselara mme ba dumelana gore molao o o emisiwe gore morafe o rerisiwe sentle ka ba sa dumelane le one.

O boletse fa ba ne ba thulanya ditlhogo e le makhanselara le magosi go bona gore tsela pedi ba tsaya efe mme ba bona gore ba lekodise morafe pele ba bo ba kopa gore molao oo o seka wa nama o dirisiwa.

A re ke keletso ya bone gore fa go dirwa molao ope fela ba rerise morafe a supa gore seo ka bo sone se ka bopa morafe le boeteledipele jwa one a tlatsa ka gore mogopolo wa bone wa go sega mabitla o le montle thata.

O ne a ba tshephisa gore ba tlaa tsaya megopolo ya bone e ba e buileng ya molao oo gore ba bone gore tsela pedi ba tsaya efe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego

Date : 12 May 2016