Breaking News

Kereke ya Roma e aba ntlwana ya boiteketso

11 May 2016

Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Nganu Kuswane a re puso e tshwentswe ke bolwetse jwa mabele jo bo fitlhelwang mo leruong bogolo jang dikgomo ka bolwetse joo bo ama thata boleng jwa nama kwa matlhabelong.

Rre Kuswane o buile seo kwa moletlong wa kabo ntlwana ya boiteketso e e agilweng ke ba kereke ya Roma ba na le komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Thini bosheng. A re bobedi joo bo dirile tiro e ntle thata ka  go aga ntlwana ya boiteketso go ka femela leruo go ka a ja leswe mme la felela nama ya lone e kgotlelesegile.

A gatelela ka gore ka e bile ntlwana eo ya boitiketso e diretswe batho ba kgotlana ya Mamela kwa Thini go e dirisa botlhe, go tlaa hema kgotlelesego ya tikologo. A akgola kereke eo le komiti eo ya VDC go tla  ka mogopolo o o botlhokwa go thusa batho.

O ile a kgothatsa batho go ikemela ka dinao ba tlogela go ikaega ka pusong mme ba tswe ka methale e e ka lekang go tokafatsa matshelo a bone, a re e bile mmuso o ntshitse mananeo a  a thusang batho go nyeletsa lehuma.

Rre Kuswane o ile a ba kopa go tlhokomela mpho eo gore e tle e ba tswele mosola, gape ba sego ka ba abetswe le diaparo tse di tlang go lebilwe nako ya mariga a gatelela ka gore a tseo di seka tsa ya go dirisiwa go reka bojalwa.

O tsweletse a bolela fa kereke ya Roma e tswa goolowe ka go thusa mo ditirong tsa bopelotlhomogi ka jalo a kopa dikereke tse dingwe go tsaya malebela mo go yone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Thini, Rre Private Monyamane a  re erile ka ngwaga wa 2013 ba ne ba tswa ka mananeo a ditlhabololo a le mararo a ba neng ba eleditse go ka a dira mo go one mme la go agela morafe wa kgotlana ya Mamelang ntlwana ya boitiketso la nna la maemo a ntlha.

Rre Monyamane a re ba ne ba kopa ba kereke ya Roma go ba thusa. A re ba ile ba atla mogopolo wa bone mme mathata ba diilwe ke ba kabo ditsha ka ba ne ba kopa lefelo la kago eo. O tlhalositse fa ba kgonne go bona thuso monongwaga ka jalo ba simolola kago ka kgwedi ya Hirikgong ba thusana le ba kereke eo.

Moruti wa kereke ya Roma kwa Tutume, Father George Varghese a re go abela ba ba tlhokileng lesego ke go supa mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko mo setshabeng.

Moruti Varghese a re ngwaga ono ke o o faphegileng ka Botswana o tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano wa boipuso ka jalo a re ke ngwaga wa go supa lerato le kutlwelobotlhoko mo go ba bangwe.

A re e le ba ba kereke ya Roma ba tlaa simolodisa dithuto tsa thuto ga e golelwe mo kgotlaneng eo gore batho ba foo ba seka ba salela kwa morago le bone ba itse go bala le go kwala jaaka batho ba bangwe,a re e tlaa bo e akaretsa le bana.

Fa a leboga,mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Moseki Mathodi o ne a leboga VDC eo,a re ba na le tebelopele ka ba kgonne go lemoga fa go na le batho bangwe ba ba tlhokang thuso ya potlako mme ba kgona go ikopanya le bangwe go ba thusa go diragatsa toro ya bone ya go bona gore batho bao ba bona thuso e ba e tlhokang.

Rre Mathodi o ne a akgola kereke ya Roma,a re e nnile le seabe se setona thata mo lefatsheng,a gatelela ka gore Botswana o digela dingwaga tse masome matlhano ka lebaka la yone.

Kgosana ya kgotlana eo,Rre Mamelang Tsharuwe o ne a lebogela mpho eo,a re ba ntse ba tshwere bothata go sena fa motho a ka itiketsang teng. A re seemo se ne se le thata mo morafeng oo foo ka e bile motse o godile ga gona fa motho a ka itiketsang gone mme fa e le nako ya selemo seemo se ne se bifela pele.

O ile a solofetsa fa a tlaa leka go baya leitlho go bona gore ntlwana eo e dirisiwa sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Kabo dimpho

Date : 11 May 2016