Setopoti se tlhokisa banwi boikarabelo
11 May 2016
Bojalwa jo bo dirwang ka magapu jo bo tumileng thata kwa kgaolong ya Tswapong bo tlhokisa banwi ba jone boikarabelo kwa Tumasera le Seleka.
Fa a bua mo potsolotsong, mokhanselara wa Tumasera/Seleka Rre Obitseng Gabadise, a re ba tshwenngwa ke boitshwaro jo bo makgasa jo bo dirwang ke batho ba sena go nwa setopoti.
Mokhanselara Gabadise a re dintwa tse dingwe di felelang di baka dintsho, go tlhapatsana le dikotsi tsa dikoloi ke dingwe tsa matshwenyego a ba setseng ba a itemogetse mo banwing ba setopoti fa e sale paka ya letlhafula e tsena.
O ne a supa fa banana e le bone tshoso e rweleng mo ditiragalong tse tsotlhe. A re se se ngomola pelo ka bone banana bao ke gore ke bone ba go tweng ke baeteledipele ba ka moso.
Rre Gabadise a re gape paka ya setopoti e tsisa modumo o o feteletseng wa diletso mo motseng. O ne a kaya fa gape le tsone dinako tsa thekiso ya bojalwa di sa obamelwe.
O ne gape a supa fa ba tlhaloganya gore ba ba gwebang ka bojalwa joo, ba dira jalo go itshetsa mme a re go tlola molao ga bone go tlaa ba baya ka fa mosing ka ba ka otlhaiwa go utlwala.
Rre Gabadise o rotloeditse banwi ba bojalwa joo go nwa ka kelelelo, a supa fa ope a sena bokgoni jwa go ka ba itsa go nwa ka e se selo se se motlhofo.
Mokhanselara o ne a akgola puso go bo e ba thusitse ka koloi ya sepodise mo kgaolong ya bone.
A re mo nakong ya gompieno mapodisi ba kgona go tsibogela ditiragalo ka bontsi ntle le kgwetlho ya letlhoko la koloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : TUMASERA
Event : Potsolotso
Date : 11 May 2016






