Mokgatlho wa babereki ba mmadikole o abela bana
12 May 2016
Bana ba sekole sa Matlapana ba bontsi ba tswang kwa Sexaxa le Matlapana ba abetswe dimpho tsa paka ya sekole e e feletseng ke mokgatlho wa babereki ba mmadikole (University of Botswana Staff Sports Association UBSSRA) bosheng.
Fa a ntsha la gagwe monnasetilo wa mokgatlho oo, Mme Malebogo Mophalane a re mokgatlho wa bone ke wa itshidilo mmele ya babereki ba mmadikole mme a re mokgatlho oo, o dirwa ke dikole tse 18 tsa bommadikole mo Afrika mme ba kopana ngwaga le ngwaga go itshidila mebele.
A re e ne ya re nako nngwe ba bona bana bangwe ba tswa kwa Sexaxa ba ya sekoleng kwa Matlapana go le mariga mme ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako le fa e le dijesi tota, mme ya re morago ba roma bangwe go ya kwa sekoleng seo go ya go sekaseka seemo ke gone ba bona gore go botoka gore ba thuse bana ba go nna jalo.
O tsweletse a re ba kgothaditswe ke komponi nngwe e e ba thusang thata e e bidiwang Inverstic e e neng ya ba thusa ka madi go reka tse ba di tlhokang mo mokgatlhong wa bone mme ba bona gore ba thuse bana ka bontlha bongwe jwa one.
O bile a re bone ba eletsa go bona bana bao ba godile e bile ba rutegile le bone ba le kwa mmadikole ba kgona gore le bone ba thuse ba bangwe fa ba lemoga seemo se se sa itumediseng mo go bone.
Mme Keatlaretse Dipuo go tswa kwa ofising ya tokafatso matshelo a batho, o akgotse thata bana bao a re ba eletsa gore kamoso ba ba bone e le babusi le bone ba kgona go utlwela ba bangwe botlhoko, a re puso e le nosi ga e kake ya kgona.
Mma boipelego a re dikgang tseo di teng di a tshela tsa go sotla bana ba ba thusiwang, a tlhalosa fa gompieno bana ba masiela ba le mo bothateng ka ntata ya dithuso tse ba di newang ke puso, mme o kopile bana bao gore ba seka ba reetsa tseo, bone ba itsetsepele fela mo go tsholetseng thuto ya bone gore e re ka moso ba akole maduo.
O akgotse badiri ba mmadikole a re e re le ntswa matlhoko a le mantsi fela ba bonye go tshwanela go thusa bana ba sekole sa Matlapana, a re kana go neela go tsisa popagano, lerato le tirisano mmogo mo setshabeng, a tlatsa ka gore a botsalano jwa bone bo seka ja felela foo mme e nne jwa sennela ruri.
Morutabana go tswa kwa sekoleng seo, Rre Anthony Timothy a re e le sekole sa Matlapana, ba lesego thata ka ba nna ba thusiwa ke mmadikole, a tswelela ka gore ba kile ba ba thusa ka matlwana a boitiketso le dibalamakgolo (computers).
O boletse fa tseo di thusitse gore maduo a tokafale kwa sekoleng seo ka a re maduo a ne a nna a le kwa tlase fela mme a re gompieno o bona le batsadi ba kgona go ntsha bana kwa dikoleng tse dingwe ba ba isa kwa Matlapaneng.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tshupegetso Bontsibokae wa kgotla ya Matlapana kwa Maun, o kgadile a menne phatla botsadi jwa motsana wa Sexaxa ba bana ba bone ba neng ba abelwa dimpho ntswa bone ba seyo kwa tirong eo.
Kgosi Bontsibokae o tsweletse a re batho le fa ba lwa mo lwapeng fela ga ba a tshwanela go ntshetsa dikgang tsa bone kwa ntle gore le bone baeng ba lemoge gore golo fa ga e ne e a komakoma.
Fela o ne a akgola bao ba mmadikole a re go neela sekole sa mmadikole setsha mo kgaolong ya bone go ba thusitse ka jaana e se bone ba le nosi ba ba tlhokang mme a re bone ba tsweletse go leba gaufi le bone fela, a re ga se lantlha ba amogela dimpho go tswa kwa sekoleng seo di ya kwa sekoleng se sebotlana sa Matlapana.
O bile a re o kopa gore botsalano jwa bone le mmadikole e nne jwa sennela ruri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kabo dimpho
Date : 12 May 2016






