Sekalaba o bolokilwe
11 May 2016
E rile bosheng, boidiidi jwa batho jwa tshologela kwa kgotleng ya goora Selotlego kwa Kanye go fitlha Mme Mosetsanagape Sekalaba.
Mme Sekalaba, yo o neng a le dingwaga di le lekgolo le borataro, o tlhokafetse kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le borataro.
Ba masika ba re ba belaela fa a tlhokafetse ntateng ya bogodi.
O tshotswe ka ngwaga wa 1910 kwa Kanye.
O ne a tsena mo nyalong e e boitshepo le Rre Tlammane Selotlego yo a tlhokafetseng ka 2001.
Ba ne ba segofadiwa ka bana ba le bararo, banna ba le babedi le mosetsana a le mongwe.
Dibui di boletse fa Mma ‘K’ jaaka a ne a tlwaelesegile go bidiwa, e ne e le mongwe wa balemi-barui ba popota gape e le leloko la mokgatlho wa sefapaano se sehibidu kwa masimong a Mmalore.
Ba boletse fa e ne e le senatla sa go roka ka diatla.
Ba re e ne e le setswerere sa go apaya e bile a rata bophepa.
O ne a le lerato mo bathong botlhe.
O tlogela bo monnawe ba bomme ba le babedi. Bana ba basimane ba le babedi, ditlogolwana di le masome a mabedi le borataro, dikokomane di le masome a mane le dikokomane tsa dikokomane di le supa. ENDS
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phitlho
Date : 11 May 2016






