Phitlho e tlhoka go tlotlwa
11 May 2016
Kgosi Gunny Moses wa kgotla ya Monarch kwa Francistown a re ga a itumedisiwe ke batho bangwe ba ba sa saleng morago tsamaiso mabapi le ditirelo tsa phitlho.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Moses o tlhalositse fa phitlho e gogomosa maikutlo, e bile e ngomola pelo.
O supile fa go lebega bangwe ba latlhegelwa ke go tlhompha le go tlotla diphitlho, a tlatsa ka gore go tswa goolowe, phitlho e ne e dirwa ka tshisibalo le ka tumelo ya gore yo o tlhokafetseng mowa wa gagwe o tlaa robala ka kagiso.
A re mo malatsing ano, bangwe ba tsaya diphitlho jaaka dinyao, a supa fa bangwe ba inaakanya le mekgwa e e fatlhang, segolobogolo thata banana.
Kgosi Moses a re mekgwa ya go tlhoka go apara sentle le gone go ya phitlhong ba itshietse nnotagi phetelela ke sengwe se se tsayang phekelo e sele mo malatsing ano.
A re malatsi a, bomme bangwe ba atisitse go tsena diphitlho ba sa apara ditukwi, kgotsa go rwala sengwe mo tlhogong, mo go neng go tlwaelesegile malobeng, fa bangwe borre ba tlhoka go apara dibaki e bile ba tle ba rwale dikepese kwa diphitlhong.
Kgosi o supile fa bangwe ba tsweletse ka mokgwa wa go ka ema digongwana kwa mabitleng ba tsere dikgang ka mantswe a a kwa godimo e bile gape a supa fa dingwe dipina tse di opelwang di sa lere kgomotso e e maleba.
Go sale foo, Kgosi Moses a re e re ntswa go tshelelwa mo diphetogong tsa sesha, ngwao le tsamaiso ya Setswana mo ditirong tse di rileng ke sengwe se se tshwanetseng go salwa morago.
A re Batswana ba farologana ka ditumelo mme tlhompho le tlotlo ke sengwe se ba itsegeng ka sone e bile ba se dira ka botswapelo, ka jalo se gase a tshwanela go nyelela. BOTLHOKO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 11 May 2016






