Breaking News

Dintsho di a tshwenya

11 May 2016

Kgosi Olebogeng Puleng wa Motokwe mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re o tshwenngwa ke dintsho tsa baratani mo motseng wa gagwe tse a reng di kuketswa ke go iphetisa nnotagi. 

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Puleng a tlhalosa fa dintsho tse di ba tlhokisa boroko.

Kgosi Puleng o tlhalositse fa matlhotlhapelo a, a okediwa ke go rekisiwa ga majalwa a setso a jaaka khadi ka go lebega ba rekisa pele ga nako e e beilweng. 

O supile fa ene le badiri ka ene bogolo jang ba sepodisi ba beile seemo se leitlho mme a kopa morafe ka kakaretso go ba ema nokeng gore maikaelelo a bone a nne le maduo. 

Mo go tse dingwe, Kgosi Puleng o supile fa bogodu jwa leruo, bogolo jang jwa marole bo atile. 

A re magodu ao a bolaya bommao e le tsela ya go leka go senya bosupi.  A re seo ke matlhotlhapelo mo morafeng o o tshelang ka leruo. 

Mabapi le dikgang tse di amang metsi, Kgosi Puleng  o ne a supa fa sediba se se nosang Motokwe se le fa gare ga motse ka jalo metsi a teng a se phepa go ka nowa ke morafe, mme a re go ka nna botoka fa puso e ka ba epela sediba kwa ntle ga motse.

Kgosi Matausu Gaothuse wa Tsetseng  le ene o tlhalositse fa kgang ya tlhaelo ya metsi e apesitse motse wa gagwe kobo ka letshoba ka jaana ba kgona go fetsa beke go ya go tse pedi ba ntse ba sena metsi.

O tsweletse ka go supa  fa se se ama le yone thuto ya bana ka ba patelesega go bowa kwa sekoleng fa go sa apewa.  

A re letlhoko le la metsi ga le a siamela botsogo jwa morafe ka bangwe ba felela ba tlhoka se ba metsang dipilisi ka sone mme ba felele ba dirisa metsi a a mo letsheng.

Mo go tse dingwe, Kgosi Gauthuse o supile fa letlhoko la ditiro mo motseng wa gagwe e le bothata mo go felelang banana ba gobeya mo motseng go sena se ba se dirang ka jalo se se bake botlhokatsebe le gone go iphetisa nnotagi.  

Kgosi Gauthuse ka jalo o ne a rotloetsa banana go inaakanya le mananeo a puso a go itlhamela mebereko ga mmogo le gone go tsenelela metshameko e e farologanyeng e e ka ba thusang go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : MOTOKWE

Event : Potsolotso

Date : 11 May 2016