Breaking News

Mapodisi le barui ba lwantsha bogodu

11 May 2016

Ka maiteko a go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong ya Shoshong, ramapodisi wa Shoshong, Superintendent Tawana Tawana o boloditse letsholo la go tlhoma dikomiti tsa twantsho borukutlhi mo merakeng e e mo kgalolong.

Fa a simolodisa komiti e, e e bopilweng ka barui ba kwa morakeng wa Mosoke bosheng, Rre Tawana o tlhaloseditse baruakgomo gore, gore ntwa kgatlhanong le bogodu ja leruo e nne le katlego, batlhokomedi le beng ba leruo ba tshwanetse go ema ka dinao ba itshwaraganya le ba sepodisi.

O ne a tswelea ka go tlhalosa gore bone e le mapodise ba itemogetse fa ba ka  se kake ba kgona go fedisa bogodu ntle le kemonokeng ya barui a tlatsa ka gore “kana ke lona le itseng leruo la lona e bile le tlhaloganya le metsamao ya lone mo go rayang gore le mo maemong a a siameng go fa bosupi le go re tswa thuso fa go tlhokegang.”

A re bontsi ja nako fa go na le dikgang tsa bogodu ja leruo, le dilalome tsa teng di tshwerwe di lebanwe ke katlholo, di felela di tshololwa ntateng ya letlhoko la bosupi, selo se a reng se na le seabe se segolo mo kgolong ya borukutlhi.

Ka jalo he, ramapodisi o ne a kgotlhatsa barui go nna le keletso le lerato la go thusana ka go fa bosupi, a bo a ba sedimosetsa fa puso e sireletsa mongwe le mongwe yo o thusang ka ditlhotlhomiso le go fa bosupi e bile mo godimo ga moo go na le dikatso tse di fiwang ba ba fang bosupi. ENDS

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : MOSOKE

Event : Twantsho borukutlhi

Date : 11 May 2016