Ba jwala ditlhare tsa meriti
11 May 2016
Badiri ba lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Tutume ba jwadile ditlhare tsa meriti di le lesome le botlhano kwa kgotleng ya Tutume.
E rile a simolodisa tiro eo ya go jwala ditlhare kwa kgotleng eo bosheng, mogolwane go tswa ko lephateng leo Mme Reginah Ntlhe a bolela fa mo mananeong a bone a go direla setshaba ba ne ba tlhopha go jwala ditlhare mo kgotleng.
Mme Ntlhe a re kgotla ke lefelo le go phuthagelwang mo go lone, ka jalo ba bona go tshwanela go jala ditlhare tseo tsa meriti gore setshaba se seka sa bolawa ke letsatsi fa ba tsile pitsong.
A re gape ditlhare di tlisa tebego e ntle ya tikologo, ka jalo di tsile go fetola tebego ya kgotla eo di e beye mo seemong se se tlaa tlhang leitlho la yo o fetang gaufi le yone.
O ile a re kago ya leobo e e agiwang le yone e ne ya ba gwetlha go jwala ditlhare tseo go leka go kgabisa kgotla gore bontle jwa kago bo tle bo tsamaelane le ditlhare tseo, mme a tlhalosa fa ba di filwe ditlhare ke ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng.
Mme Ntlhe o tsweletse a bolela gore le fa ntswa e le ditlhare tsa meriti, tse dingwe maungo a tsone a a jewa jaaka sa motsentsela le morula.
Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume, o ne a leboga badiri bao go bo ba bone go tshwanela go kgabisa kgotla ya gagwe, a re ke maiteko a mantle thata.
Kgosi a re ba ntse ba sena kwa ba tshabelang letsatsi teng, ka jalo ba dule batho mme a kopa ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng go ba thusa le go ba gakolola ka tlhokomelo ya ditlhare tseo.
O ne a nesetsa lephata leo le babereki ba lone pula, a re ditlhare tseo di tlaa oka batho go tsena diphuthego tsa kgotla ka ba tla nna le kwa ba tshabelang letsatsi teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Tiro ya go jwala ditlhare
Date : 11 May 2016






