Breaking News

Mabotlele a ntsha bana mo dikoleng

11 May 2016

Banni ba kgaolwana ya Peleng kwa Lobatse ba kgadile bana ba ba sa tseneng sekole ba ikantse go rekisa mabotlele.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya komiti ya ditlhabololo  gore bana ba ipopa digongwana ba tsamaya mo mebileng mme e le  bana ba dingwaga tsa go tsena dikole.

Ba re bana ba, ba ipeile fela mo go rekiseng mabotlele, ba akanya gore ke jone botshelo ja itshetso.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Peleng legare, Rre Phemelo Masisi o ne a tlhalosa fa bana ba ba sa tseneng dikole ba, ba felela e le dirukutlhi.

Rre Masisi o ikuetse mo batsading go kganela bana go rekisa mabotlele ka ba tlogela dikole ba re ba ya go itshetsa ka mabotlele e bile o ile a kgala bagolo gore ba lese go roma bana go ba selela mabotlolo.

Rre Masisi o buile gore bana ba basetsana bone ba pagama diteraka e bile ba setse ba re ke bomme.

O kgothaditse batsadi go kgalemela bana le gore ba ba ntshe mo matlotleng a ba iphitlhang mo go one ka ba utswa dilwana ba bo ba di fitlha mo teng.

Kgosi Segale Letshele wa Peleng, o boletse gore batsadi ga ba gakolole bana e bile ke bone ba ba rotloetsang go dira dilo tse di duleng mo tseleng.

Kgosi o ne a gatelela kgang ya gore batsadi ba tlhokomele bokamoso jwa lefatshe ka go hapha bana mo dilong tse di duleng mo tseleng.

O ne a kgothatsa bagolo go ikgalemela gore e re ba kgalema go utlwale.

Raboipelego Rre Boikanyo Modise o boletse fa lore le ojwa lo sale metsi.

O boletse gore bagolo ba tsisa bana ko go bone ba setse ba senyegile ebile o ne a rotloetsa bagolo gore ba kgalemele bana ba sale bannye gore ba seka ba ba palela.

Raboipelego o ne a bolela gore bana ba ka kgonwa ba tsenngwa mo tseleng fela fa batsadi ba ka ikopanya go sena ope yo o ba ikgatholosang.

O ne a bolela gape gore batsadi ba na le go ikgatholosa ditiro tse di sa siamang tsa bana ba re bone ga gona gope fa ba tsenang teng. 

O ne a supa gore ke molato go dira jalo ka go tshwana fela le fa ba rotloetsa borukutlhi.

Rralekgotla, Rre Maburu Monabana ene o boletse gore bana ba Peleng ba ditlhapa mo ba felelang ba tsenya bagolo mo teng.

O ile a kgothatsa batho go tla diphuthegong tsa kgotla ka makatlanamane ka a ne a supa fa a ngongoregela gore banni ba Peleng ga ba tle diphuthegong fa di biditswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgomotso Rapoo

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 May 2016