Breaking News

Ba ngongorega ka sepatela

10 May 2016

Banni ba Good Hope ba ikuetse ka sepatela sa motse wa bone kwa mopalementeng wa kgaolo ya Good Hope/Mabule, ba re se leswe.
Ba ikuetse ko phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke  mopalemente wa bone Kgosi Lotlaamoreng kwa kgotleng kgolo ya Barolong kwa Good Hope.
Batho ba buile gore seemo sa sepatela ga se kgatlhise ka se leswe e bile ga se na ditlamelo ka bontsi go thusa go tokafatsa botsogo jwa batho.
Ba buile gore fa ba ile go kopa thuso ka tsa botsogo ba a sokola ka ba kgona go tlhola kwa sepatela letsatsi lotlhe mme go sena nko e e tswang lemina.
Ba buile gape gore ga gona ditilo le meriti go nna fa ba letile go itekodisa ba botsogo le gore ga gona dikobo mo sepatela mo go ba pateletsang go itlela ka tsone fa ba robadiwa.
Bangwe ba banni ba supile gore bone ga ba na sepatela ba na le kokelwana e kgolwane mo motseng ka sepatela se ba se agetsweng se le segologolo e bile se sena baoki.
Banni ba kopile mopalemente gore ba agelwe sepatela se se ka kgonang go tsisa ditlamelo tsotlhe tsa botsogo mo motseng le dikgaolo tse di mabapi.
Mopalemente Lotlamoreng o boleletse banni ba kgaolo ya gagwe gore o kopile matona a botsogo gore ba tle go lekola seemo sa sepatela e bile ba mo tshephisitse gore ba tlaa iponatsa.
Mopalemente o kgothaditse banni gore e re matona a goroga ba ntshe matshwenyego otlhe a bone gore ba kgone go thusiwa.
O ne a ba bolelela gore e tlaa re diphuthego tsa gagwe di fela o tlaa kopana le maphata a a farologaneng go ba neela matshwenyego a bone mo motseng.
E re dikgang di eme jalo, banni ba ngongoregile ka dikago tsa bone tsa poso ka ba ne ba re di dinnye ka di sa kgone go tsaya palo e ntsi ya batho.
Ba buile gore fa e le nako ya gore bagodi ba amogele go a tlala mo ebileng go fekeetsa babereki ba poso ka ba le palo potlana.
Ba ne ba ikuela gape ka dipone tsa mo mebileng gore ga di bereke mo go rotloetsang borukutlhi ka go le lefifi mo motseng.
Mokhanselara wa Good Hope, Rre Ogopotse Modibedi o ne a bolelela banni ba kgaolo ya gagwe gore lebaka le le ba tshwereng go baakanya dipone ke gore ga ba na ditlamelo ka ba dirisa koloi e le nngwe fela mo kgaolong-potlaa ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgomotso Rapoo

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 May 2016