Breaking News

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi ya koloi

10 May 2016

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le borataro go ya ko go masome mabedi le boferabobedi go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse morago ga gore koloi e a neng a e pagame e thule ditlhare.
Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Tutume, Superintendent Jerry Halahala a re tiragalo eo e diragetse mo tseleng ya Nswazwi ka nako ya botlhano phakela Motsheganong a ferabobedi.
Superintendent Halahala a re koloi ya modiro wa BMW e e neng e na le bapagami ba le bararo go balelwa le mokgweetsi, e ne ya tswa mo tseleng morago ga gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo mme ya thula ditlhare tse pedi.
O tlhalositse fa ba ile ba ragosetsa boraro joo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa rre wa dingwaga tse di magare ga masome mabedi le borataro le masome mabedi le boferabobedi yo o tlholegang kwa kgotleng ya Maaloso kwa Serowe a tlhokafetse.
Gape o tsweletse a bolela fa bapagami ba bangwe, mokgweetsi le wa mme ba ne ba fetisediwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa go bolelwang ba sidilega teng.
Setopo sa moswi se kwa setsidifatseng sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo.
Mo go tse dingwe, Superintendent Halahala a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone matlo a le mararo a Setswana a neng a sha a ba a lora kwa Makuta bosigo jwa  Matlhatso.
A re ka lesego go ne go sena ope mo lelwapeng leo le go nnang mosadimogolo wa dingwaga tse di masome a supa le bongwe le bana ba bana ba gagwe ka ba ne ba le kwa lenyalong.
O ile a bolela fa go sena sepe se se duleng mo matlong ao, a kopa setshaba go ba thusa go tshwara selalome kana dilalome tseo tse di ka tswang di amega mo tirong eo.
Superintendent Halala o tsweletse a bolela fa ba le mo letsomong la selalome se se neng sa itseela dikobo ka dikgoka mo go mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe ka makuku kwa kgotleng ya Magapatona.
A re mme yoo, o ne a tsenelelwa ke selalome mo ntlong ya gagwe phakela a tswa tebelelong a ipaakanyetsa go ya phitlhong.
Superintendent Halala o ne a kopa setshaba go ba thusa go tshwara selalome seo, a gatelela ka gore dikgang tsa petelelo di a tshwenya mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 10 May 2016