Breaking News

Mopalamente o gwetlha setshaba go ikemela ka dinao

10 May 2016

Mopalamente wa Francistown East, Rre Buti Billy o kopile banana le setshaba ka kakaretso go tokafatsa itsholelo ya bone ka go dirisa mananeo a puso le methale e mengwe jaaka ditalente tsa bone.
Rre Billy o ne a bua se mo phuthegong ya kgotla kwa kgotlaneng ya Coloured a ngongoregela fa banana ba kgotlaneng eo ba sa tsenelele dithuto puisano le mananeo ka dipalo tse di kwa godimo ntswa go supagala fa bontsi jwa bone ba sa bereke.
“Gore motho a tswelele mo kgwebong, o tshwanetse a bo a na le dikitso tse di maleba gore a tle a kgone go godisa kgwebo ya gagwe go sa nneng jalo e a phutlhama, go botlhokwa thata go di tsena go anywa dikitso tsotlhe tse di tlhokafalang go tswa mo baitseanapeng,” a tlhalosa.
O tsweletse a rotloetsa banana gore go botlhokwa gore ba fetole dikakanyo tsa bone tsa gore puso e ba diretse eng mme ba ipotse gore bone ba dira eng go fetola itsholelo ya Botswana, ke ka moo ba ka kgonang gore le bone ba fetole matshelo a bone botoka.
Mopalamente a re go botlhokwa gore batho ba seka ba ikaega fela ka mananeo a puso a le nosi, mme fa go na le methale e mengwe ya go tlhabolola matshelo e e seng ya puso e ba bonang e ka ba berekela ba e dirise.
O kopile morafe go tshwaragana le ba komiti ya motse ya ditlhabololo le mokhanselara wa kgaolo ka se se ka dira gore ba tseye ditshwetso tse di maleba le dikgakololo tsa tlhwatlhwa ka bone ba itse thata ka motheo le tsamaiso ya mananeo ka bontsi.
Fa a tswelela, o akgotse banana ba ba berekang ka thata go itshetsa go tswelela ba dira jalo ka go supagala fa ba ka nna baeteledipele ba kamoso, a re bopelotelele le bonatla bo tlaa ba atumetsa gaufi le go tshela ditoro tsa bone.
Rre Billy go sa le foo, o kopile banana le morafe gore ba inaakanye le merero le dikomiti tsa go ipelela boipuso jo bo kgethegileng jwa monongwaga jwa dingwaga tse di masome a matlhano.
O supile fa e le nako ya popagano e Batswana ba tshwanetseng go nna le seabe mo go yone ka methale yotlhe mme a nankola gore mebala ya setshaba e tshwanetse e nne e aperwe ka Labotlhano mongwe le mongwe go fitlhela letsatsi la boipuso jwa Botswana ka kgwedi ya Lwetse.
Gape o gateletse botlhokwa jwa go itse pina ya setshaba e bile a kopa batsadi gore ba nne le seabe mo go ruteng bana pina ya setshaba ka e le yone konokono e go ikaegilweng ka yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebalepile Phuthego

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 May 2016