Breaking News

Ba Ngwatsau ba lela ka letlhoko la metsi

10 May 2016

Go tlhaelelwa ke metsi ga batho ba Ngwatsau go babalela  thuto ya bana le jone botsogo tota.
Banni ba Ngwatsau ba re bana ba tswa kwa sekoleng pele ga nako ka ntlha ya letlhoko la metsi. Ba re le bone barutabana  ga ba tshele sentle ka ga ba na metsi mo matlong.
Letlhoko le la metsi le ama le botsogo ka le kwa kokelong ga go na metsi. Le bone banni ga ba nwe metsi sentle ka gore thothi e ba e bonang  ba e somarelela go tlhapa le go apaya.
Ba re go na le dipompo di le tlhano mo motseng mme  go bereka e le nngwe fela e e mo kgotleng e ba e kgobokanelang botlhe mo e bileng le yone e senyegile ka e a bo e le semphete ke go fete fa e dirisiwa.
Banni ka jalo ba ne ba kopa mokhanselara Rre Aron Mothibi yo e bileng e le mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Good Hope, yo o neng a tsile go ba lekola  go ba kopela Water Utilities go tla kwa go bone.
Ba re ba batla matlho a phage a lebane ka jaana go supega fa ba sa ba  tsee ka tlhoafalo, ba re gongwe fa ba ka itseela ka tsebe go tswa ka melomo ya bone go sa romelediwa  ope ba ka ba tsaya tsia.
Mokhanselara Mothibi o amogetse kopo ya bone a re o tlaa diragatsa thomo ka tota ene e le morongwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : NGWATSAU

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 May 2016