Breaking News

Monna o bolailwe ke koloi

10 May 2016

Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi o thudilwe ke koloi mo tseleng ya Tsabong / Bokspits gaufi le sekole se sebotlana sa Tsabong.
Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Supurintendent Keagetswe Lorato mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la (BOPA), tiragalo e e diragetse kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le boferabongwe.
Assistant Supurintendent Lorato o tlhalositse fa e ne ya re morago ga tiragalo eo, mapodisi a ragosetsa monna yoo kwa sepateleng sa Tsabong, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
ASP  Lorato a re mo nakong ya gompieno serepa sa monna yoo se mo setsidifatsing sa sepatela sa Tsabong go tlhatlhobiwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.
Mothusa mookamela mapodisi a Tsabong o kaile fa mokgweetsi wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano a ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa mitsubishi ka nako ya tiragalo eo.
Are monna yo o go belaesega a ne a tsamaya mo tseleng a tswa maitisong ka nako ya koloi eo e mo thula.
O kaile fa moswi a tlholega kwa kgotleng ya Logonono teng mo Tsabong fa mokgweetsi ene a tlholega kwa motsing wa Lecheng gaufi le motsewa Palapye.
Assistant Supurintendent Lorato o tlhomamisitse fa mapodisi a sa ntse a tshegeditse mokgweetsi wa koloi eo go bathusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo.
Mabapi le tiragalo eo, Assistant Superintendent Lorato o ne a gakolola setshaba bogolo jang ba tsamaya ka dinao go apara diaparo tse di bonalang jaaka mmala o mosweu le e mengwe le gone go kopa bakgweetsi go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa tlase bogolo jang fa ba tsamaya mo gare ga motse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Ntau

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 10 May 2016