Komiti e abela mo-na-le bogole
09 May 2016
Ka maiteko a go tlhotlheletsa mowa wa lorato le kutlwelobotlhoko, komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolwana ya Ngami kwa Jwaneng e abetse moithuti wa mo-na-le bogole dilwana.
Monnasetilo wa komiti eo, Mme Kganego Dikole o tlhalositse fa komiti e sa bolo go batla go abela moithuti yoo dingwaga tse pedi tse di fetileng ba sena go lemoga fa a ise a tsenngwe mo lenaneong la go tlhokomelwa ke puso.
A re go bo ngwana yoo a ise a tsenngwe mo lenaneong la go tlhokomelwa ke puso go ketefalela batsadi ka jaana o tlhokana le tlhokomelo e e faphegileng.
O ne a tlhalosa fa ngwana a godisiwa ke setshaba, ka jalo ba ne ba bona go le matshwanedi gore mo lemmenyaneng le ba le fiwang ke puso go ba leboga go ithaopa, ba ne ba thulanya ditlhogo gore ba kgone go rekela moithuti yoo dilwana di akaretsa melora, ditlolo le kobo.
O kaile fa keletso e le go tswelela ba thusa ngwana yoo go fitlhelela a fetsa sekole.
O kaile fa go tlaa itumedisa fela thata go bona ngwana yoo e le moeteledipele nako nngwe ka go tlaa kgothatsa go bo go bontsha ba-na-le bogole ba bangwe gore seemo sa bone ga se phelelo ka jaana ba ka dira sentle le gone go gaisa ba ba sa tsheleng le bogole.
Mme Dikole o ne a kgothatsa batsadi ba moithuti yoo gore ba seka ba tshaba go kopa thuso fa ba e tlhoka, a gatelela fa ba tlhakanetse kgodiso ya ngwana le morafe.
Fa a tswa la gagwe, rraagwe moithuti yoo, Rre Otlaadisa Phalano o ne a lebogela dilwana, a tlhalosa fa di tlaa thusa thata go thiba diphatlha le gone go tlhofofatsa botshelo jwa ngwana.
O ne a bua fa go se motlhofo go godisa ngwana yo o tshelang le bogole ka gantsi a tlhokana le dilo dingwe tse di faphegileng e bile gantsi di tura.
O ne a kgothatsa komiti gore e tswelele ba abele ba-na-le bogole ba bangwe go thusa batsadi le batlhokomedi tiro. Rre Phalano a re go monate go bona batho ba tswa yo mongwe thuso ka go mo netefaletsa gore ga a nosi mo tirong e e bokete ya go godisa mo-na-le bogole.
A re se ba se dirileng se bontsha mo-na-le bogole gore o a ratwa e bile ke motho fela jaaka mongwe le mongwe.
Mothusa kgosi wa Jwaneng, Rre Mmoloki Nabalo o akgoletse komiti dimpho tseo, a kaya fa e tshegeditse letshego la tshaba e e lorato e bile e le kutlwelobotlhoko.
A re go monate go bona batsadi ba moithuti yoo ba mo isitse sekoleng ka go le gantsi batsadi ba rontsha ba-na-le bogole ditshwanelo tsa bone ka go ba baya kwa mahure ba ba fitlha.
O ne a kgothatsa batsadi gore ba seka ba ipona tsapa mo go godiseng ngwana wa bone mme e bile e nne teemane mo matshelong a bone ka jaana e le mpho ya Modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : JWANENG
Event : Kabo dimpho
Date : 09 May 2016






