Lekalana le fetola boitshwaro
09 May 2016
Lekalana la Fokotsa Dino le fetotse boitsholo jwa banana ba Molalatau.
Se se boletswe ke Mme Keineetse Osupile yo o direlang mo lekalaneng leo, le le ka fa tlase ga lephata la botsogo.
Tiro e, Mme Osupile o e pataganetse le Mme Catherine Ontathile go ruta batho ka bodiphatsa jwa nnotagi.
A re moono mogolo wa bone ke go rutuntsha banni ba Molalatau go fokotsa tiriso ya nnotagi le go ema nokeng ba ba batlang go tlogela tiriso ya nnotagi.
Bobedi jo bo rutuntsha batho ka go tshwara dithutopuisanyo le setshaba, go tsena ntlo le ntlwana, go buisa morafe fa ba le kwa kokelwaneng, go supa ditshwantsho tsa motshikhinyego le go ba neela dipamphitshana tse di nang le melaetsa.
O tlhalositse fa ba isa molaetsa o le kwa baithuting, mme a re ga ba ise ba kopane le seemo se eleng gore bana ba sekole ba dirisa diritibatsi.
A re ba romela batho kwa lefelong la Ark and Mark gaufi le Motlhabaneng go rutuntshiwa mo go tseneletseng fa ba batla go tlogela ditagi.
O tlhalositse fa ba isitse batho ba Molalatau ba le masome mabedi kwa Ark nd Mark mme mo nakong ya gompieno ba tlogetse tiriso ya nnotagi, e bile mongwe wa bone ba dira le ene mo go ruteng batho ka bodiphatsa jwa dino.
Mme Osupile o tlhalositse gore bontsi jwa batho ba ba amegang mo tirisong ya nnotagi ke banana ba dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go ya kwa go tse di masome mararo.
A re kgwetlho e ba nang le yone ke gore go na le bangwe batho ba ba rekisang majalwa a a sa letlelelweng, bogolo jang sekhokho, bojalwa jwa magapu le khadi mme ba supa fa ba itshetsa ka one.
O tlhalositse fa nnotagi e na le di-tla morago tse di sa siamang jaaka go tsenwa ke malwetse a a amanang le go dirisa ditagi, dikotsi tsa ditsela, borukutlhi, tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang ga mmogo le boimana jo bo sa rulaganyediwang, bogolo mo bananeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : MOLALATAU
Event : Potsolotso
Date : 09 May 2016






