Breaking News

Batswana ba tshwanetse go lebogela kagiso

09 May 2016

Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana Professor Mphemelang Ketlhoilwe a re Batswana ba tshwanelwa ke go lebogela go bo babusi ba pele ba ne ba ba neela mpho ya kagiso.

A re mafatshe mangwe a tlhoka kagiso ka jalo Batswana ba seka ba tsaya motlhofo gore kagiso eo e tsile fela a bolela fa kagiso e itirelwa.

O ne a bua jalo bosheng kwa motseng wa Lerala kwa banni ba neng ba amogela molelo wa kgolagano. 

Rre Ketlhoilwe a re mafatshe ka bontsi a eletsa lefatshe leno e bile a eletsa se lefatshe leno le leng sone.

O tsweletse a re kagiso e e renang mo lefatsheng leno e file Motswana mongwe le mongwe seriti. A re fa Motswana a tswela kwa mafatsheng a mangwe a ipolela gore o tswa kwa lefatsheng la Botswana ba a ba ikitsisang ba mo amanya le kagiso e e renang mo lefatsheng leno.

Rre Ketlhoilwe a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a itshekatsheke a bo a ipotse gore a o tlaa tsweledisa kagiso e e dirilweng ke bogogi jwa lefatshe leno.

A re gape Batswana ba tshwanelwa ke go sekaseka gore ba ka tlatsa ka sefe se ba ntseng ba na le sone go isa Botswana pele.

A re molelo wa kgolagano ga o kae kgolagano ya lefatshe fela mme o kaya kgolagano gongwe le gongwe mo go tse di dirang di akaretsa kwa malwapeng le kwa ditirong tse badiri ba thapilweng go di dira.

E ne e rile go le pele fa a amogela baeng,  Kgosi Molebatsi Moroka wa Lerala, a kopa banni go leba kwa morago mme ba eme puso nokeng ka tse e di dirileng go simolola lefatshe leno le ipusa.

A re go ne go sena ditlhabololo dipe fa lefatshe leno le tsaya boipuso mme mo nakong eno ditlhabololo di tshwana le tsa ditsela, dikago le tsa botsogo di teng.

Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele o ne a supa fa Batswana ba setse ba le mo seemong sa go ikgaoganya ka dilo di tshwana le sepolotiki, metse le dikgotlana mme a gwetlha botlhe go tshwaragana a bolela fa tse di kgaoganyang Batswana di kgona go senya kagiso e e ntseng e rena. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Molelo wa kgolagano kwa Lerala

Date : 09 May 2016