Ba amogela molelo wa kgolagano
09 May 2016
Fa Tautona wa lefatshe leno a simolodisa semmuso molelo wa kgolagano, go a bonala bontsi jwa Batswana ba ne ba emetse kgorogo ya one mo metseng ya bone ka go farologana ka mabetwaepelo.
Kwa metseng ya kgaolo ya Lerala/Maunatlala go ne go leba yo o sebete go sena motse o o neng a batla go gaisiwa. Pele ga molelo wa kgolagano o goroga mo motseng wa bone, banni ba ne ba baakanya ka botlalo bogolo jang ba dirisa mebala ya folaga ya lefatshe leno go penta kana go tshasa mo mafelong ka go farologana.
Se se neng se kgatlhisa ke gore, le fa mongwe wa lefatshe le sele a ka tsena ka kgoro ya mongwe wa metse eo, o ne a kgatlhantshiwa ke mmala wa folaga ya lefatshe leno o o nang le botala jwa loapi, bosweu le bontsho mme mebala ya teng o ka e bona mo dikagong tsa mapalamelo a dibese kana mo thoko ga tsela go fitlhelela o tsena kwa kgotleng kwa le gone go neng go kgatlhisa ka mebala eo.
Bontsi jwa banni mo metseng eo, ba ne ba bonala ba sa bolo go ipaakanyetsa kgorogo ya molelo wa kgolagano ka ba ne ba apere mebala ya folaga ya lefatshe leno le bana ba dikole ba bonala mo mebileng ba tshwere difolaga tsa lefatshe leno.
Dipina tsone go tswa mo dikhwaereng ka go farologana le maboko di ne di remeletse mo go bueng ka kgolagano ya lefatshe leno le se molelo wa kgolagano o tlaa se dirang.
Se se neng se kgatlhisa ke gore banni ba kgaolo ya Lerala/ Maunatlala le bone fela jaaka Tautona wa lefatshe leno ba dumela fa molelo wa kgolagano o tsile go ba bopaganya, o ba fa kutlwano, masego le lone lorato le Batswana ba tshelang ka lone.
Dibui ka go farologana mo metseng ka go farologana bogolo jang dikgosi fa ba amogela molelo wa kgolagano ba ne ba lebogela Tautona wa lefatshe leno go bona go tshwanela gore a tshwaraganye Batswana.
Ba re molelo wa kgolagano ke lesedi ka gore fa go nang le lesedi teng go nna le botshelo. Ba re metse ya bone e segofaditswe ka molelo wa kgolagano o fetile mo go yone.
Rre Gabagomotse Mafoko wa motse wa Mokokwana o ne a re Batswana ba tshwanetse ba ipotse gore go tsile jang gore ba bo ba le fa ba leng teng.
A re lefatshe leno le nnile sego ka dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go le kopela boipuso mme le mo nakong eno ga le ise le itemogele dintwa. Kgosi Mhaladi Mhaladi wa boraro wa Seolwane o ne a re molelo wa kgolagano o tshuba tsotlhe tse di maswe mme o tsisa tse dintle mo motseng wa gagwe fa Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng ene a re molelo wa kgolagano o supa puso ya batho ka batho e bile o kopanya merafe kana metse gore e tshwaragane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Molelo wa kgolagano kwa Lerala/Maunatlala
Date : 09 May 2016






