Naledi Khama o bolokilwe
10 May 2016
Moeteledipele wa mophato wa mahetsakgang Mme Naledi Khama o bolokilwe Motsheganong a le 6 kwa Serowe.
Mme Naledi Khama yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1927, e ne e le mmaagwe tona wa pele wa lephata la itshireletso, molao le thokgamo, Rre Dikgakgamatso Seretse e bile e le rakgadiagwe Tautona wa lefatshe leno, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.
Fa a bua kwa phitlhong, moemedi wa mophato wa Mahetsakgang o o tumileng thata ka go letsa marapo le go dira ditiro tsa Setswana, Mme Tshenyo Motsokono o kaile fa moeteledipele wa mophato oo a ne a le lorato e bile mophato o tlaa sala o mo gopola ka lone lorato loo.
Mme Motsokono o kaile fa Mme Khama e ne e le motho yo a neng a rata ngwao thata le ditiro tsa Setswana jaaka go duba mmu. O ne a tlhalosa gore Mme Khama o ne a ema ka dinao go tsosa letsema ka nako e le neng le wetse tlase.
A re ke ene motho yo o duleng ka mogopolo wa go dira sehikantswe sa tautona wa ntlha wa lefatshe leno,mme morago sa agiwa ke mophato oo ba kopane le morafe.
Mme Motsokono o tlhalositse fa moeteledipele wa bone a sule ka pelo e e botlhoko ka gore o ne a eleditse go ruta ba ba tswang kwa tlase go letsa marapo le go ruta ngwao ya Setswana.
A re erile a koafala a neela Mme Mma Serame Seretse go etelela mophato oo.
Bangwe ba ba neng ba tsile go tshidisa ba lelwapa la goora Seretse e ne e le Tautona wa bobedi Sir Ketumile Masire,tona wa meepo kgotetso le metsi Rre Kitso Mokaila le mmamelao mogolo mme Athalliah Molokomme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phitlho
Date : 10 May 2016






