Komiti e kgothadiwa go dira ka natla
09 May 2016
Kgosi Mothibe Linchwe o rotloeditse komiti ya ditshupo tsa temo-thuo kwa kgaolong ya Kgatleng go dira ka natla le boineelo ka seo se ka ba kgontsha go ntsha maduo.
E rile kgosi Mothibe a bua kwa moletlong wa dijo o o neng o itebagantse le go kokoanyetsa komiti eo madi kwa Pilane Traditional Resort bosheng, a kopa komiti eo go tsaya maikarabelo a yone ka tlhoafalo e itse fa e romilwe e bile e direla morafe.
A re e le baeteledipele ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa go tsisa diphetogo mo ditshupong tsa temo-thuo, bogolo jang ka go tsere lobaka di se yo mme ke bone ba ka emang ka dinao ba tshwaragane le ba bangwe go busa serodumo sa ditshupo.
Kgosi Mothibe o ne a ba lemotsha fa boithaopo e se selo se se motlhofo.
A re ka jalo ba seka ba fela pelo ka gore tiro e ba e dirang e mosola fela thata mo setshabeng le mo morafeng wa Bakgatla.
O ne a ba kgothatsa go ntsha dipego tse di maleba gore ba kgone go bona tswelelopele.
Kgosi Mothibe a re mekgatlho ka bontsi e bolawa ke go tlhoka go tsaya boikarabelo jwa go ntsha dipego tse di maleba le go supa tiro ya bone gore ba ba tshwanetseng ba itse gore mokgatlho o ya kae.
A re ditshupo di botlhokwa ka jaana di tshwaraganya balemi-barui e bile ba nna le sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe ka jaana Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
O ne a ba kopa gore ba dire tiro ya bone ka matsetseleko ba bo ba rerisane ka dinako tsotlhe gore ba bone kwa ba go yang.
Monnasetilo wa komiti eo, Rre Naphtali Kaeparura a re maikaelelo a bone e le komiti ke go tosolosa serodumo sa ditshupo tsa temo-thuo mo Kgatleng.
A re go setse go fetile dingwaga di le masome matlhano go se na ditshupo tsa maemo a ntlha mo kgaolong, ka jalo ba itlamile go dira ka natla ba tshwaragana le Bakgatla le maphata a puso go busetsa ditshupo tseo.
E rile a afa malebogo, mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole o ne a gatelela botlhokwa jwa go tsaya boikarabelo go direla setshaba ka tlhoafalo.
Rre Mangole a re ba tshwanetse ba ntsha pego nako le nako gore ba bone motlhala wa tiro ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : PILANE
Event : Paakanyetso ditshupo tsa temo thuo
Date : 09 May 2016






