Tlotlang Kgosi-Moremi
09 May 2016
Banni ba kgotla ya Matlapana kwa Maun ba rotloeditswe go tshwaragana le mothusa kgosi ya bone ka go e fa tlotlo.
Go buile jalo dibui ka go farologana beke e e fetileng mo moletlong wa go ipelela mothusa kgosi wa kgotlana eo, Kgosi Kebatho Kesekile morago ga go tlhophiwa ngogola ka kgwedi ya Lwetse.
Mongwe wa dibui, motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o tlhalositse fa tshwaragano, lorato le boineelo e le konokono mo ditogamaanong tsa morafe le bogosi. A re fa go leng dintwa teng, ga go ke go nna le maduo e bile tiro le yone e boela kwa morago.
O kopile gape gore kgosi le batho ba gagwe go se nne le ope yo o ka ba tsenang ka bogare go ba kgaoganya.
Sebui se sengwe, Kgosi Charles Letsholathebe le ene fa a latlhela la gagwe o tlhalositse fa tlhopo ya morafe wa Matlapana e sa wela fa fatshe mme e nnile le maduo a a molemo, a tlatsa ka gore Kgosi Kesekile ke mogaka yo o nang le lorato.
O gakolotse morafe gore le ntswa go ntse jalo, ba seka ba epela kgosi lemena le le tlaa mo kgopang mo tirong ya gagwe.
E re go ntse jalo, malomaatsone, Rre Otlaabolokwa Mase, o tlhalositse fa kgosi e tshwanetse go amogela dikgakololo mo go ba a ba fitlhelang mo kgotleng. O gakolotse Rre Kesekile fa kgosi ele thotobolo e olela matlakala. A re ka jalo, motshwarelela kgosi o tshwanetse go farologanya botlhale jo a bo fiwang ke morafe wa gagwe.
A re mo dikgakololong tse di mo fitlhelang, o tshwanetse a itebaganya le tse di ka berekelang motse wa gagwe sentle.
O ne gape a gakolola kgosi go itsetsepela ka boitshwaro jwa gagwe gammogo le kwa lelwapeng la gagwe. Dibui tse dingwe, tse le tsone di neng di tletse ka boitumelo di supile fa Kgosi Kesekile e le mogaka, a na le kutlwelobotlhoko le lorato tse di ka agang motse. Moletlo oo, o ne wa natefisiwa ke dithopha tsa mmino wa Setswana, maboko le diletso tsa sesha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Moletlo wa go ipelela kgosi
Date : 09 May 2016






