Maemelo a dipalamo a fokotsa mosuke
08 May 2016
Maemelo a dipalamo tsa setshaba a masha a Tsabong a tlaa fokotsa mosuke wa dikoloi tse di pegang setshaba go bapa le kokelo ya Tsabong, Trans Cash & Carry le kwa mmolong wa TM.
Fa a bua kwa letsatsing la pulo semmuso la maemelo a dipalamo tsa setshaba boemong jwa ga kgosi David Toto II, Kgosana Baetseng Ntau wa kgotla ya Bogosing o supile fa go ne go sa babalesega, bogolo jang mo balwetseng ka dipalamo tsotlhe tse di pegang setshaba di ne di ema fa pele ga kokelo.
A re seo se ne se kgoreletsa balwetse go itheetsa ditlhabi le bodiredi jwa botsogo bo ne bo angwa ke modumo o o kwa godimo le gore gape go ne go se na fa dikoloi tsa masika di emang teng fa ba ile go lekola balwetse.
Modulasetilo wa khansele potlana, Rre Meleko Thumpe o supile fa mapalamelo a dipalamo tsa setshaba a nakwana a agilwe ka lananeo la Ipelegeng morago ga kopo ya komiti ya ditlhabololo.
O ne a kopa setshaba go a amogela ka lemme le sa bolae go bolaya lefifi.
Rre Thumpe a re puso e tlaa leka bojotlhe go aga maemelo a dipalamo a a bulegileng mo setsheng se sele se se tlaa kopiwang mo lekgotleng la kabo ditsha.
O supile fa go bulwa semmuso ga maemelo a dipalamo go tlaa tsisa pharologanyo le gone go tlhofofaletsa tiro lephata la dipalamo, sepodisi le bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba.
Rre Daniel Lennwe, mogolwane go tswa mo lekalaneng la ditsela mo khanseleng ya Tsabong o ne a tlhalosetsa bakgweetsi ba dibese ka fa dikoloi tsa bone di tlaa emang ka teng mo lefelong leo.
A re dikoloi tsa beng ga di na go letlelelwa go ema mo teng ga lefelo leo.
Rre Lennwe o ne a supa fa khansele e dirisitse P130 000 mo paakanyong ya maemelo ao e akaretsa kago ya matlwana a boitiketso, metsi le tse dingwe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Kabelo Coetzee o ne a galaletsa khansele ya Kgalagadi ka tiro e ntle e ba e dirileng mo dipaakanyong tsa go tlhomamisa gore lefelo leo le nna mo seemong se le leng mo go sone.
Rre Coetzee o ne a kopa setshaba go amogela lefelo leo ka diatla tsoo-pedi le gone go tswaragana le komiti ya ditlhabololo ka dinako tsotlhe gore maemelo ao a dipalamo tsa setshaba a nne a le phepa.
O kaile fa lefelo leo le le lennye mme a supa fa ba tlaa letlelela bagwebi ba le palo potlana go rekisetsa mo go lone le gore ba tla duedisa matlwana a boitiketso.
Rre Lebogang Masetlane, modulasetilo wa lekgotla la ditekesi yo e leng ene o simolodisitseng dipalamo tsa setshaba ka taxi e le nngwe ka 2012 o ne a tlhalosa ka ditlhwatlhwa tse ba di letleletsweng ke ba lephata la dipalamo e le bakgweetsi ba ditaxi le dikhombi, a kaya fa mo nakong ya gompieno go na le di taxi di le masome a mane le boraro le dikhombi di le tharo.
O ne a kopa banni ba Tsabong le setshaba ka kakaretso go dirisa dipalamo tsa setshaba ka e le yone tiro e ba itshetsang ka yone.
Rre Masetlane o ne a kopa tshwaragano, therisanyo le tlotlo gareng ga bone le setshaba ka seo se ka thusa mo go tiiseng tirisano mmogo e e kwa godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Pulo semmuso ya maemelo a dipalamo tsa setshaba
Date : 08 May 2016






