Breaking News

Ba batla ditlhabololo

08 May 2016

Banni ba Pitsana Photlokwe mo kgaolong ya Good Hope/Mabule  ba lela ka letlhoko la ditlhabololo.

 Banni ba re ba sa le ba solofediwa katoloso ya motlakase mme nako kgolo ke eno. Ba re selo se jaanong se ba tsisetsa boitlhobogo. 

Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng, e buisiwa ke Mokhanselara Aron Mothibi yo e bileng e le mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Good Hope.

Ba re ba nna ba lebile batho ba tshubile ka motlakase ba se kgakala le bone mme selo se ga se ba jese monate.

Mongwe wa banni, Rre Joseph Seleka a re se se botlhoko le go feta ke gore le lone lenaneo la tsosoloso itsholelo (ESP) ga le a ba akaretsa.

E rile a ba kgwa dikgaba, Mokhanselara Mothibi a re go bonya mme o ba solofeditse gore o tlaa ya go kopa tona gore nako ya a bone sebaka a tle go ba tlhalosetsa botoka ka katoloso ya motlakase. 

Mokhanselara o ne a gakolola banni fa go le botlhokwa gore ba tsee mananeo a nyeletso lehuma ba itshetse ka one, a tlatsa ka go re ba bonya go tsaya mananeo, le ntswa a diretswe bone. 

Rre Mothibi a re o ka kgona go ba buelela ka mananeo a nyeletso lehuma fela fa go na le bosupi jwa gore ba a leka mme ga ba thusiwe, a re fa bosupi bo se yo ga go na jaaka a ka ba thusa.

Mokhanselara o ba kopile gore ba tlhagafalele temo, a re ba ba sa kgoneng go lema ba adime ba bangwe masimo. 

A re ba segofetse ka jaana ba kgonne go bona lenaneo la go agelelelwa ga masimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omogolo Hans

Location : PITSANA PHOTLOKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 May 2016