Breaking News

Bomalomatsebe ba tlaa sirelediwa

08 May 2016

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram  Kesupile, a re palamente e mo tseleng ya go wetsa go dira molao wa go sireletsa bomalomatsebe.

Mopalamente Kesupile o boletse jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Marapalalo le Ruele kwa Kanye bosheng.

A re molao kakanyetso o dule morago ga gore bontsi jwa batho ba tshaba go fa bosupi ba re ga ba di tsene.

O boletse fa bangwe ba sa lome mapodisi tsebe ba tshaba gore batla di gama ba sa di tlhapela fa dirukutlhi di ka itsi gore ba lomilwe ke bo mang. 

Rre Kesupile o boletse fa borukutlhi le tshenyetso setshaba di gola mme batho bangwe ba ba itsing ba tshaba go loma tsebe go lwantsha seemo.

O boletse fa malomatsebe a tlaa sirelediwa thata le go lefiwa mo go tshwanetseng, a re legale fa malomatsebe a ka bua se seng boammaruri a ka otlhaiwa. 

O boletse fa maina a malomatsebe a sa ntshiwe gope go ba sireletsa lefa ele go fa bosupi kwa kgotla tshekelong.

O kopile banni  go loma puso tsebe mo go haphagileng ka tshenyetso setshaba e ba e boneng le go loma mapodisi tsebe jaaka go ne go dirwa go lwantsha borukutlhi le tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo.

Mo tshutisong e nngwe, o boletse gape fa tona a batla gore maphata mangwe a puso aa botlhokwa thata ebile matshelo a batho le itsholelo dika amega segolo bogolo a tswhanetse go ntshiwa mo mekgatlhong ya go ngala ditiro fa ba ngongorega.

A re maphata ao a akaretsa batimamolelo, barutabana, babega dikgang, badiri ba bamelelwane, baemedi ko mafatsheng a sele le ba diteemene.

A re bangwe bone fa go sa dumalanwe le ngalo ditiro ba tla fiwa tsela gore baitsi gore go ngongroregwa modiri a tshwere ka go diatla. O boletse fa mapalamente a santse a tshwere  phage ka mangana go dira melao eo gore e diragadiwe.

MopalamenteKesupile o ne gape a kopa  banni go kwadisa ditsha tsa bone go sa kgatlhalesege gore motho o na le ditsha di le kae. 

O ba kopile go dirisana le badiredi ka gore palo eo e thusa puso go dira ditlhabololo.

Banni ba ne ba bolela fa molawana wa khansele oo ntshang dikgomo mo metseng o sa siama kwa Kanye ebile ba kopa gore o sekasekwe gape. Ba boletse ka medumo le borukutlhi jo bo diragalang mo kgotleng ya bone.

Banni bangwe ba boleletse mopalamente gore metsi aa leswe a tshologela mo malwapeng a tswa ko sepateleng se setona sa Kanye. 

Ba boletse fa bana ba dikole ba tshamekela mo go one e bile ba selasela dilo tse di borai jaaka mamao mo metseng eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 May 2016