Baithuti ba Boitekanelo ba lwantsha boimana jwa banana
08 May 2016
Baithuti ba sekole sa Boitekanelo ba boloditse letsholo la go lwantsha boimana jo bo diragalang mo dikoleng tse di kwa Bobonong.
Mongwe wa baithuti, Mme Keamogetse Office, o tlhalositse mo potsolotsong fa boimana jo bo diragalang mo dikoleng, segolo jang kwa go se segolwane sa Matshekge bo ba tshwenya thata.
O tlhalositse fa boimana jo bo dirwa ke gore bana ba nna ba le nosi kwa malwapeng ka go bo batsadi ba nna kwa masimo.
Mme Office a re go nna ga bana ba le nosi go dira gore ba felele ba itaola.
A re fa bana ba nna ba le nosi ba felela ba aparelwa ke letlhoko le le ba pateletsang go tsena mo maratong le borre ba ba berekang gore ba kgone go bona madi a go reka tse ba di tlhokang.
Fa a tswa la gagwe, Mme Precious Gaatwesepe o supile fa go tlhoka boikarabelo ga batsadi bangwe go na le seabe mo go imeng ga bana.
A re barutabana ba le nosi ga ba kake ba kgona go lwantsha dikgang tsa go ima ga baithuti.
O tlhalositse fa go ikopa ga baithuti ba ba nnang mo sekoleng kgapetsakgapetsa go ya go reka melora kwa ntle ga sekole le gone go baka boimana.
Mme Gaatwesepe o supile fa go ima ga baithuti kwa Matshekge go sa jese diwelang.
Mme Gaatwesepe a re ba rotloeditse dikomiti tsa batsadi le barutabana mo dikoleng go bua le baithuti ka boimana.
O gwetlhile batsadi go bua le bana, segolo jang ba ba feditseng mophato wa boraroka gore bontsi jwa bone fa ba ya go simolola go dira mophato wa bone ba fitlhelwa ba setse ba imile.
Mo kgannyeng e nngwe, mongwe wa baithuti, Mme Seabelo Lekopanye o tlhalositse fa ba tsamaya mo dikoleng go ruta baapei ka fa ba tshwanetseng go tshwara dijo ka teng.
O supile fa go kgaola dinala le go rwala mo tlhogong e le dingwe tse baipei ba tshwanetseng go di itse.
A re go tlhoka go tshwara dijo sentle ga baapei go ka dira gore baithuti ba tsenwe ke malwetse jaaka letshololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 08 May 2016






