Banni ba Ramotswa ba anywa kitso ka malwetsi
05 May 2016
Go tlhalosiwa fa batho ba ne ba rutega thata ka mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, mme ba salela morago ka bolwetse jwa TB, jo go tlhalosiwang fa mongwe le mongwe a na le jone.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane kwa kokelong ya Bamalete Lutheran Hospital mme Agnes Mosarwa, kwa thuto seka dipuisanong ya ba botsogo le ba sepodisi sa Ramotswa bosheng.
Mme Mosarwa o tlhalositse fa matlhasedi a TB a bolawa ke letsatsi, a tlhalosa fa a tsoga thata fa go senang letsatsi.
O tlhalositse fa lefatshe la Botswana le le kwa godimo ka dipalo tsa batho ba ba nang le bolwetse jwa TB, a tlhalosa fa le le mo maemong a botlhano mo lefatsheng lotlhe.
O boletse fa motho yo o nang le mogare wa HIV, a ka tsenwa ke mogare wa TB ka jaana masole a mmele wa gagwe a le kwa tlase, ka jalo fa motho a na le mogare wa HIV a tlhatlhobelwe le bolwetse jwa TB.
Mme Mosarwa o tlhalositse gore fa motho a na le mogare wa HIV le bolwetse jwa TB a sa tshwanela go diegelwa go fiwa kalafi.
O tlhalositse gape fa karolo nngwe le nngwe ya motho e ka tshwarwa ke mogare wa TB, mme TB ya mafatlha e le yone e leng ntsi mo lefatsheng leno, a bolela fa TB e, e tshwarwa mo sehubeng.
O tlhalositse gape gore motho ga a tshwanela gore e re a gotlhola a bo a atlhama fela, mme o tlhwanetse go ipipa molomo ka sengwe.
O boletse fa go na le TB e e sa foleng motlhofo ya MDR, a tlhalosa fa TB e e bakwa ke go sa tseye kalafi sentle, mme kalafi ya teng e tsewa lebaka le le leele gape e le botlhoko.
O tlhalositse fa go na le TB e tonatona ya XDR, a tlhalosa fa balwetse ba TB e, ba felela ba latlhegelwa ke botshelo.
Mme Mosarwa o tlhalositse fa maikaelelo a thuto seka dipuisano e, e le go tlhatlhelela mapodisi ka bolwetse kwa TB, ka jaana ba bereka le batho ka dinako tsotlhe, a bo a ba kopa gore fa ba tshwerwe motho a ba bolelela gore o nwa dipilsi tsa TB, ba seka ba mo diegela go mo sia bongakeng ka jaana a ka nna borai mo matshelong a bone.
O ba kopile gape go itlwaetsa go tlhapa diatla ka dinako tsotlhe le go emisa go dumedisana ka diatla, mme mo godimo ga moo ba fe molwetsi wa TB lorato, ba bo ba netefatsa gore o tsaya kalafi ya gagwe sentle.
O tlhalositse fa molao wa pereko o supa gore mapodisi le baoki ba tshwanetse go dira mmogo, ba boledisanye bogolo jang fa go na le molwetsi wa TB yo o ganang go tsaya kalafi sentle.
Mme Mosarwa o tlhalositse fa bolwetse jwa TB bo tshwenya mo motseng wa Ramotswa, a bo a tlhalosa fa molwetse yo a boelelwang ke TB, o tshwanetse go kentiwa dikgwedi tse pedi.
Fa ba tswa la bone, batsayakarolo mo dipuisanong tseo, ba ne ba botsa gore motho yo o nang le TB o e gasa thata fa a tsaya kalafi kana jang.
Ba ne ba batla go itse gape gore ke eng fa motse wa Ramotswa o na le dipalo tse di tshwenyang tsa TB.
Erile fa a ba araba, Mme Mosarwa o ne a supa fa motse mongwe le mongwe o o gaufi le molelwane, o na le bothata le dipalo tse di kwa godimo tsa TB, ka jaana go le motlhofo gore batho ba tlolele ka fa lefatsheng le lengwe mme ba tlodisetse balwetse ba TB mo go leno, gantsi ba dira jalo ba sa ikopanya le ba bongaka.
O boletse fa molwetse wa TB a gasa fa a le mosha go na le yo o simolotseng kalafi. BOKHUTLO
Source : bOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Thuto puisano
Date : 05 May 2016






