Breaking News

Makgethe o kopa bagwebi go tlotla ditsamaiso

05 May 2016

 

gaolong ya legare, Mme Fatima Makgethe o kopile bagwebi ba ba dirisang melelwane yotlhe mo lefatsheng leno go sala ditsamaiso tsotlhe morago fa ba tsena kana ba tswa mo lefatsheng leno ba tshwere di-tsa temo-thuo.

Dithoto tsa go nna jalo di akaretsa maungo, merogo, diphologolo le yone melemo e e dirisiwang mo go tsa temo-thuo.

Fa a bua kwa letsatsing le ba lephata la temo-thuo ba neng ba tsibosa bagwebi le ba-na-le seabe botlhe ba ba dirisang melelwane bosheng, Mme Makgethe a re go botlhokwa gore e re mogwebi a gweba ka tse di farologaneng  tsa temo- thuo a bo a itse gore go tlhokafala eng gore a gwebe ka tsone go itsa ketsaetsego.

A re lefatshe leno fela jaaka mafatshe a mangwe le na le ditsamaiso tsa lone le ditumalano mabapi le di-tsa temo-thuo tse di fetang kana di tsena mo melelwaneng.

O ne a tlhalosa fa go le maleba go nna le melawana kana ditsetlana tse di salwang morago ke botlhe go fokotsa bogale jwa malwetse a di-tsa temo- thuo. A re go na le tirisanyo e e faphegileng ya lefatshe leno le mafatshe a mangwe ya gore fa go tlhagogile bolwetse bongwe jwa tsa temo kana jwa loruo go bo go ka salwa melawana e e beilweng morago go fokotsa bogale jwa bolwetse joo.

A re seo se direlelwa gore bolwetse joo bo seka jwa anama le lefatshe leno kana jwa tswa mo lefatsheng leno mme jwa anama le mafatshe a mangwe.

A re lefatshe leno le fa gare ga mafatshe a mangwe, ka jalo bontsi jwa di-tsa temo- thuo di tsewa kwa mafatsheng a mangwe mme fa gongwe bagwebi kana setshaba se tsisa malwetse mo lefatsheng leno mme e re kwa bofelong bolwetse joo bo bo bo sa nyelele ka pela ntswa go dirisiwa melemo e e ka bo nyeletsang.

Mme Makgethe o ne a ikuela mo go ba ba dirisang melelwane ba tsena ka di-tsa temo –thuo go obamela dikgakololo tse ba di fiwang ke ba lephata la gagwe ka di ka solegela lefatshe leno molemo.

Le fa go ntse jalo, Detective Constable Alex Matlhoka wa sepodise sa Botswana o ne a gwetlha ba lephata la temo- thuo go nna ba tsibosa badirisi ba melelwane ka tse di diragalang ka bangwe molaetsa o a bo o ise o fitlhe kwa go bone. O boletse fa legale bontsi bo na le kitso ka bangwe ba felela ba fitlha tse go tweng ga di fete kwa melelwaneng. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MARTINS DRIFT

Event : Letsatsi la temo thuo

Date : 05 May 2016