Breaking News

Malokaganye o batla sekole

05 May 2016

Banni ba Malokaganye mo kgaolong ya Goodhope / Mabule ba supile fa go le botlhokwa gore motse wa bone o agelwe sekole.

Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo, Kgosi Lotlaamoreng II bosheng.

Fa a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti eo, Mme Kefilwe Sefhemo, a re bana ba ba nnang kwa Malokaganyane ga ba dire sentle mo dithutong ka jaana ba tsamaya mosepele o moleele go ya le go boa kwa dikoleng tsa metse e e mabapi  jaaka Dinatshana le Pitsana Photlokwe.

Mme Sefhemo o tlhalositse fa bana ba ba sa ithute sentle kwa sekoleng ka jaana ba tsena ba lapile ba bo ba felela ba otsela ka nako ya dithuto, mme ba goroge kwa malapeng morago ga sekole ba lapile mme ba palelwe ke go nna le nako ya go bala.

A re se se ama thata dithuto tsa bana ka jaana ba felela ba sa dire sentle mo maduong a lokwalo lwa bosupa.

Kwa ntle ga go sa ithuteng sentle, banni ba motse o, ba ne ba supa fa bana ba bone ba le mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dirukutlhi.

Ba ne ba tlhalosa fa gape bana ba le mo mathata a gore ba tsamae mo diemong tsa di sa itumediseng tsa loapi jaaka dipula.

Ka jalo ba ne ba nna moono mongwe gore ba agelwe sekole, bogolo fela fa e ka nna sa matlo a borutelo a le mabedi e le tshimologo ya go thusa, bogolo jang bana ba bannye ba mophato wa ntlha le wa bobedi. 

Ba re se, se ne se ka dira gore fa bana ba setse ba bulega matlho e bo e le gone ba ka tsamayang mesepele e meleele go ya dikoleng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segametsi Kebonang

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 May 2016