Puso e itlamile go tokafatsa mohama wa temo-thuo
05 May 2016
Mothusa tona wa temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse, a re puso e leka ka thata go ema balemi nokeng gore ba kgone go ntsha dijo tse di le kaneng go jewa mo lefatsheng le go rekisiwa kwa ntle.
Mothusa tona o ne a bua se fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Sefhophe.
A re batho ba kgaolo ya SPEDU ba tshwanetse go emela temo ka dinao ka ba diretswe madirelo a marekisetso a tsa temo a Horticulture Processing Plant kwa Selebi Phikwe.
Rre Autlwetse a re fa ba ka seka ba ntsha dijwalo tse di lekaneng go rekisiwa, se se tlaa dira gore madirelo a phutlhame mme se se paledise maiteko a go tsosolosa itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi.
Mothusa tona a re Batswana ga ba a tshwanela go baya fela mo thekisong ya ditswa mmung ka go supafetse fa mo nakong ya gompieno tlhwatlhwa ya tsone e wetse tlase.
O tsweletse a re puso e ntshitse madi go rotloetsa balemi go lema ka ditselana ka go dira jalo go ka ntsha thobo e e nametsang go na le go lema ka go gasa mme a re go sa ntse go na le balemi ba ba sa ntseng ba saletse kwa morago.
Rre Autlwetse a re temo e tlhoka lorato, bonatla le bopelotelele, a re puso e senyegelwa ke madi a mantsi mo go tsoseng terata e e kganelang motsamao wa leruo mme seo se paledisiwe ke batho ba ba tsweletseng ka go e senya.
Mothusa tona Rre Autlwetse a re Batswana ba tshwanetse go tsaya boikarabelo ja go tlhokomela leruo la bone bogolo jang ba meraka e e gaufi le melelwane ya lefatshe la Zimbabwe go lwantsha bolwetse ja tlhako le molomo.
O tsweletse a re leruo la Botswana ga le tloletse ka kwa lefatsheng la Zimbabwe le a bolawa mme molemi a phimolwe dikeledi ka madi a a kana ka makgolo a supa. Rre Autltwetse a re puso e tsere tshwetso ya go neela barui ba kgaolo ya Zone 7 manyena a dikgomo mahala ba bo ba a itsenyetsa. Rre Autwetse a re ditlhwatlhwa tsa go rekisa kwa matlhabelong di sa ntse di le botoka mme a kgothaditse barui ba ba nang le dikgomo go di rekisa go fokotsa ditshenyegelo tsa go tla go le jesa ka go lebega leuba le sa ntse le tlaa tswelela.
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tsotlhe tse a di neetsweng ke puso tsa nyeletso lehuma.
Rre Mzwinila a re fa go senang tlhokomelo teng ga go supe gore motho wa go nna jalo a na le letlhoko mme ba tshwanetse go thusana le puso go lwantsha lehuma. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 May 2016






