Ipelegeng thuso e e maleba
05 May 2016
Lenaneo la Ipelegeng le namola Batswana ba le bantsi mo tshokolong e ba ntseng ba lebagana le yone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Sikwane, Mme Mpolokeng Pilane, a re Ipelegeng e thusitse ba le bantsi kwa motseng wa bone.
E rile a ntsha pego ya gagwe mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Tona wa tsa Dipagamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, bosheng Mme Pilane a lebogela dithuso tse ba di bonang go tswa mo lenaneong leo.
Mme Pilane o ne a kopa Tona Mabeo gore ba okelediwe dipalo tsa Ipelegeng ka jaana batho ka bontsi ba batla go bereka mo lenaneong leo mme sebe sa phiri ke dipalo tse dipotlana.
A re ba filwe masome a mane le botlhano mme ka nako ya phiro batho ba tla ka bontsi jo bo makatsang.
Mme Pilane o ne gape a lebogela puso gore go thusa balemi ka go ba lemela.
O ne a kopa gore go okediwe ditlhwatlhwa tsa go lemela batho ka jaana leokwane le le turu.
Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kopa Tona Mabeo go ba thusa go araba selelo sa bone sa metsi a a rusi a a tswang mo dipompong.
Mme Pilane a re kgang eo e tswa kgakala ba ntse ba lela ka yone mme nako kgolo ke eno.
E rile Tona Mabeo a akgela mo pegong eo, a supa fa puso e itlamile go tswelela e thusa Batswana ka mananeo a a farologanyeng go tokafatsa matshelo a bone.
A re Batswana ba tshwanetse go inaakanya le mananeo a mangwe a puso go tokafatsa matshelo a bone le gone go intsha mo lehumeng.
O ne a bolelela banni ba motse oo gore tsela e ba sa bolong go e emela ya Modipane/Mabalane e tlaa dirwa ka fa tlase ga lenaneo la Economic Stimulus Programme le maikaelelo a lone e leng go tsosolosa itsholelo.
Ka jalo tona a re tsela eo e tlaa tshelwa sekontere mo ngwageng wa madi wa 2017/18 mme e tlaa thusa go fokotsa dikoloi tse di dirisang tsela ya A1. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Sikwane
Event : Pego
Date : 05 May 2016






