Batlisang Mapodisi
03 May 2016
Sechaba se kopiwa go thusa mapodise a Ramotswa go batla Mme Phenyo Lebone Ralekhobo wa kgotla ya Mothubakwane kwa Ramotswa.
Mme Phenyo Lebone Ralekhobo wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe (21) o nyeletse kgwedi ya moranang e tlhola borobabongwe (09/04/2016).
O emeletse a apere track pants tse di ntsho, track top e khibidu e e nang le mebala e mesweu e fologela gotswa magetleng go ya matsogong (white stripes) a rwele ditlhako tsa diteki tse dintsho. O mmala o mosweu (light in complexion) o mmele o fa gare (1.6m) (medium built) ka moriri o mokhutshwane.
Yoo a boneng motho yo o kaiwang o kopiwa go leletsa mapodisi aa gaufi kana nomoro ya mahala ya 999 kgotsa mapodise a Ramotswa mo dinomorong tse di latelang: 5390217/5391700/5390034 nomoro ya mahala ya 0800600102.
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Mokwalo
Date : 03 May 2016






