Molelo wa kgolagano o kopanya lefatshe
03 May 2016
Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi o kopile banni ba Tsetsebjwe go tshwaragana le go tswa ka maano a a tlaa tlhabololang Botswana mo dingwageng tse di masome matlhano tse di tlang.
Fa a bua kwa letsatsing la go amogela molelo wa kgolagano bosheng, o ne a re lefatshe le le tlaa bo le ipelela dingwaga di le masome a matlhano le ipusa Lwetse a le masome mararo mme se se tshwanetse go ipelelwa le go dirisiwe go ipaakanyetsa dingwaga tse di tlang.
Rre Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo a re Botswana ka kakaretso o beile tsotlhe mo Modimong, a supa fa molelo wa kgolagano o rurifadiwa le ke Baebele tota mo lokwalong lwa Ekesodo kgaolo ya boraro temana ya bobedi. A re se se supa kgolagano le Modimo.
A re go tsamaisa molelo wa kgolagano mo metseng le metsana ya Botswana ke go tshwaraganya merafe ya Botswana gore e nne ka kagiso le thokgamo, mme a rotloetsa botlhe go nna le seabe go tlhabolola lefatshe.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Kgosidialwa Motsamai o ne a re motse oo o segofaditswe ka matlotlo a tlholego e bile o na le ngwao e e tiileng.
Molelo wa kgolagano jaaka mo metseng e mengwe ya Bobirwa o ne wa fetisediwa kwa mafelong a tlholego ga mmogo le dikole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : Tsetsebjwe
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 03 May 2016






