Poko ya setswana letlotlo la setshaba
03 May 2016
Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile batswana go tshegetsa ngwao.
Rre Kedikilwe o buile jalo kwa moletlong wa kabo dietsele wa baboki ba Setswana e e neng e tshwerwe ko sekoleng se segolwane sa Limkokwing bosheng.
O tlhalositse fa poko go le gantsi e kgatlha batho, e bile e le mantswe a a monate. O buile jalo gore go le gantsi potso e batho ba e ipotsang ke gore mme gone puo e simologile kae gore go bo go na le puo le gone gore kwa tshimologong ba ne ba bua jang.
O supile fa poko e tswa mo puong, e yone re sa itseng gore e tlhamilwe ke mang leng, a re mme le fa go ntse jalo, monate wa poko ke gore mmoki o kgona go bua mafoko a mongwe le mongwe a ka sekang a letlelelwa go a bua.
“Re kopanetse kwano gompieno go dira boswa mo baneng ba rona, re itumela re bo re itumedisa dikokomane tsa rona, fa ba ntse ba tsaya botsipa, mo batsading ba bone fa ba supa fa poko ele boswa jwa sennela ruri,” a tlhalosa.
O ile are go a itumedisa gore go bo go dirilwe maitiso a go nna jaana, go abiwa dietsele, go lemoga bogaka, go neelanwa dikitso, botlhale, a tlatsa ka gore ke tsone dintlha tse di supang fa re le setshaba se se nang le dikitso.
“Ke na le tumelo e e tletseng gore ngwao ya rona e re neela boipelo le kgolagano re le Batswana,” a tlhalosa.
Fa a ntsha la gagwe, mothusa tona wa lephata la thuto, Rre Moiseraele Goya, o supile fa poko e ka tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng.
“Ke na le tumelo e e tletseng ya gore fa re ka bula dikgoro tsa rona tsa dikole, ra letlelela poko go rutiwa mo dikoleng tsa rona e ka sega tema, e bile ya tswa mosola, go thusa le go tokafatsa seemo sa maduo mo dikoleng tsa rona,” a tlhalosa.
O supile fa a lebogela thulaganyo ya moletlo wa dietsele . “Maikaelelo a rona ke gore poko e seka ya nyelela ka monokela, le gone gore e seka ya tswa ka diphatlha tsa menwana, bagologolo ba kile ba bua jalo gore e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, ka yone thulaganyo e, re bona poko ekare e a nyelela, jaanong mme re ne re re a re ikiseng,” a bua jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Moletlo
Date : 03 May 2016






