Breaking News

Makhanselara a amogela pego

02 May 2016

E ne yare morago ga go kopa go fiwa sebaka go ya go bala mokwalo wa lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo la borobabobedi beke e e fetileng, makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba amogela ba bo ba fetisa mokwalo oo mo phuthegong e e faphegileng ya khansele ka Mosupologo.

Mo dikakgelong tsa bone morago ga go rolelwa lenaneo leo, makhanselara a ne A le leboga mme a supa fa go na le dingwe tsa botlhokwa tse di tshwanetseng tsa lebisisiwa fa go ntse go tsweletswe ka thulaganyo ya go betla tsela ya ditlhabololo tsa kgaolo ya bone.

Mokhaselara Rre Elias Mbonini wa Masunga o ne a ngongorega ka seemo se se sa jeseng diwelang sa letlhoko la ditiro segolo jang mo bananeng ba kgaolo; a re lenaneo leo la ditlhabololo le tshwanetse le ka bo le ne le supa methale e e nonofileng e e tlaa dirisiwang go fetola seemo se.

Rre Mbonini o ne a supa gape gore le mororo lenaneo le supa fa go tlaa dirwa ka natla go nyeletsa lehuma, se se tlaa seke se kgonagale fa go ka seke go tlhamelwe banni ditiro tsa sennelaruri.

Mo ntlheng e nngwe, o ne a gakolola gore go emelwe ka dinao mhama wa temo, a supa fa go tshwenya go bo go sa supagale mo pegong e ba e beilweng pele fa go tlaa dirwa sengwe gore kgaolo e akole dintlenyane tse di ka tswang mo mohameng o.

O ne a fa sekai ka terata e e ageletseng masimo a banni ba metse ya Masunga le Vukwi e a kaileng gore e re le ntswa e tsentse lefatshe la diekere di ka nna makgolo a robabobedi, ke makgolo a mabedi fela a diekere a a mo tirisong mo nakong eno.

Seemo se, a re se ka fetolwa ka go tla ka methale ya go thusa balemi ba terata eo go nna le metsi a ba ka a dirisang go lema dijwalo ka go farologana dipaka tsotlhe tsa ngwaga.

Mokhanselara wa Mulambakwena, Rre Mbaakanyi Smart ene o ne a kopa gore mo maitekong a go diragatsa lenaneo la go tlhabolola itsholelo ya magae (Local Economic Development), go lejwe mehama e akaretsa ya temo le bojanala ka e le mengwe ya eo e ka yone go ka rarabololwang bothata jwa letlhoko la ditiro. A re e re ka jaana kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le mafelo a ngwao a le mmalwa, go tshwanetse ga tliwa ka methale e e papametseng ya go bona gore a a dirisiwa go tokafatsa matshelo a banni.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara Rre Egbert Tshandu wa Moroka o ne a gakolola gore e re lenaneo leo la ditlhabololo le sena go wediwa go dirwa, go rutuntshiwe dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka lone.

A re go dira jalo go ka tlhomamisa gore dikomiti tseo di tlhaloganya lenaneo leo, selo se ka bosone se ka thusang gore di le eme nokeng go tlhomamisa katelgo ya lone.

Mo ntlheng ya tshomarelo ya tikologo, Rre Tshandu o ne a supa fa lephata la dikgwa le ditsa-tlholego le tlhoka go thusiwa ka madi gore le kgone go lwantsha mathata a akaretsa kgotlhego ya mmu, koketsego le kgolo ya melatswana ga mmogo le tshenyego ya lefatshe ka kakaretso.

Mo kakgelong ya gagwe, mokhanselara wa Mapoka/Nlapkhwane Rre Paulos Nkoni o ikuetse mo go botlhe go thusa mapodisi go laola seemo sa borukutlhi.

A re tlhaelo ya ditsompelo e ketefaletsa mapodisi go dira tiro ya bone, ka jalo setshaba se tshwanetse sa ikitaa ka thupana go ba thusa go fitlhelela thomo ya bone.

Rre Nkoni o boile a supa go sa itumeleleng go bo malwapa mangwe a bo a sa ntse a sena matlwana a boitiketso mo nakong eno. A re seemo se ga se bee fela mo diphatseng botsogo jwa batho, mme se ama gape maiteko a go tataisa itsholelo ya lefatshe leno ka mhama wa thekiso ya nama ka jaana matlhabelo a lefatshe leno a BMC a lela bobe ka bolwetse jwa mabele.

A re kgaolo e tshwanetse ya tsibogela seemo se se ise se koafaletse pele maiteko a go tsholetsa itsholelo ya barui ga mmogo le ya lefatshe la Botswana.

Mokhanselara Rre Tagala Motsamai wa Matshelagabedi o ne a dumalana le ntlha e e mo pegong ya gore setlhare sa mophane se ka nna sa nyelela mo kgaolong ka se dirisiwa phetelela.

O ne a tlhalosa fa tsela nngwe ya go busetsa seemo mo taolong e le ya go tlhwaafalela go tsibosa le go ruta banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ka thulaganyo ya gore jaanong go tlhokega gore motho a tsee teseletso pele a ka rwalela dikgong.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Mathodi Modisapodi ene o ne a lebogela dipaakanyo tse di tlaa dirwang kwa lefuting la matlakala la Masunga.

Se a re, se tlaa thusa mo maitekong a go dibela tikologo.

Le fa go le jalo, o ne a ngongorega ka dikgwa tse di mo gare ga motse kwa dintlheng dingwe tsa motse wa Tati Siding; a re le dipone tsa mo mekgwatheng ga di sa tlhole di sologela banni molemo ka lesedi la tsone le mediwa ke dikgwa tseo.

O kaile gape fa go na le ditsha di le dintsi tse di sa tlhabololwang kwa metseng eo, selo se a supileng fa se dira gore malwapa mangwe a bo a dikaganyeditswe ke dikgwa mme seo se baya pabalesego ya beng ba malwapa ao ka fa mosing.

E ne e rile go le pele, mogolwane wa lephata la tsa madi la khansele ya Bokone Botlhaba Mme Basipo Madandume a baya pele phuthego pego ya lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo la borobabobedi mme fela a supa fa le sa akaretsa ditiro tsa ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka go sa ntse go letilwe phetolo go tswa kwa pusong gore ke dife ditiro tse di neng di kopilwe tse di amogetsweng.

Mme Madandume o ne a tlhalosa gore le fa go ntse jalo, dikgaolo tsone di filwe boikarabelo jwa go supa gore di ikaelela go fitlhelela eng mo dingwageng tse thataro tsa lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo la borobabobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : phuthego e e faphegileng ya khansele

Date : 02 May 2016