Molelo wa kgolagano o kopanya ba Palapye
02 May 2016
Molelo wa kgolagano o gorogile ka Labobedi mo kgaolong ya Palapye o amogelwa lantlha mo kgaolong eo ke motse wa Moreomabele le Topisi.
Kgaolo ya Palapye e dirwa ke metse e e masome mabedi le bosupa, e e mo dikgaolong tsa botlhophi tsa Serowe Bokone, Mmadinare, Lerala/Maunatlala, Serowe Borwa le Palapye.
Molelo wa kgolagano o solofelwa go tsamaya le mafelo a go fitlhela o goroga ko motseng wa bofelo ebong Palapye kgwedi ya Motsheganong e tlhola boferabongwe ko e tlaa reng o tswa foo o amogelwe ke kgaolo ya Boteti.
Fa a amogela molelo oo mo boemong ja banni ba kgaolo ya Palapye, mothusa molaodi Mme Segametsi Koontse o lebogetse molelo wa kgolagano mme a tshephisa go o tukisa mo dikgaolong tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe.
A re molelo wa kgolagano o supa popagano, kutlwano, bopelotelele le lorato le Batswana ba tshelang ka jone.
A re se ga se a tla fela ka e le mowa o Batswana ba o anyileng mo batsading ba bone ba ba ileng ba dira motheo wa puso ya batho ka batho.
Mma Koontse o ne a amogela molelo go tswa ko go mothusa molaodi wa kgaolo ya Bobirwa Rre Mooketsi Lesetedi yo le ene a supileng fa molelo o o bonesitse kgaolo ya Bobirwa yotlhe.
Molaodi Mma Koontse o ile a rolela Kgosi Collen Seema go o isa ko motseng wa Moreomabele o e nnileng one wa ntlha go amogela molelo o mo kgaolong ya Palapye.
Kgosi Seema o ile a supa fa banni ba Moreomabele ba itumetse fela thata go bo ba nnile bone ba ntlha go amogela molelo mo Palapye mme a solofetsa go tswelela a netefatsa gore kutlwano, popagano le botho jo Batswana ba itsegeng ka jone ga di ba tswe diatleng.
Fa a tswa la gagwe Kgosi Kgololo Motshwaedi o ile a tlhalosa fa molelo wa kgolagano e le sekao sa tlotlo e Batswana ba nang nayo.
A re lefatshe leno ke lefatshe le le tlotlang molao ka jalo bagolo le bana ba tshwanelwa ke go itlotla le go tlotlana.
A re Batswana ke batho ba e reng ba kopana ba dumedisane mme se se tsetse kgololesego le kagiso.
Molelo o o ile wa isiwa ko sekoleng se sebotlana sa Moreomabele mme morago wa amogelwa ko Topisi ke Kgosi Kgomotso Boiditswe yo le ene a ileng a supa fa molelo o o kopanya Batswana o ba dira selo se le sengwe.
A re semorafe se tshwanetse go fela mme go rene kagiso fela.
A re molelo o tlaa bonesa le sekole se sebotlana sa Chakaloba mme o age baeteledipele ba kamoso ba lefatshe le ba ba tlaa tsogang ba gata mo dikgatong tsa batsadi ba bone ba busa lefatshe leno ka boikarabelo.
Molelo o o ile wa isiwa gape ko kgotleng ya bogologolo ya Topisi le ko Tloutswe-mogala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 02 May 2016






