Breaking News

Mmuso o tlaa hira ba nakwana

28 Apr 2016

Mothusa tona mo ofising ya Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele a re go tlaa hirwa bommaboipelego ba nakwana go thusa mo go sekasekeng mananeo a nyeletso lehuma.

Rre Makgalemele o buile jalo fa a lekodisa makhanselara a kgaolo-potlana ya Tutume ka Laboraro. A re go sa ntse go na le melala ya batho ba ba rutuntshitsweng mme ba ise ba fiwe dithoto kana didirisiwa tsa bone.

O kopile makhanselara ao go tshwaraganela kgang ya nyeletso lehuma le puso go leka gore e re ka ngwaga wa 2017 o ya fifing go bo go fokoditswe seemo sa lehuma mo bathong.

O ile a ba gwetlha go tla ka mananeo a mangwe a nyeletso lehuma go tlaleletsa mo go a a masome mane le botlhano a a leng teng. 

A re gape ba rotloetse batho go dira dikgwebo tse di farologaneng go itsa mokgwa o o fitlhelang dikgwebo di phadisana mme tse dingwe di felele di phutlhama.

Rre Makgalemele a re ka tiego e ba setse ba itemogetse mo go thuseng batho ka mananeo a ba a ikopetseng a lenaneo la nyeletso lehuma, go dirilwe thulaganyo ya gore baikopedi morago ga dithuto ba neelwe dilo tsa bone gone foo ka ba tlaa bo ba rutuntshiwa ka tsone.

O ile a gwetlha makhanselara le maphata a a amegang go tshwaragana go bona gore maiteko a go fokotsa lehuma mo bathong a a atlega ka go leka go baya leitlho mananeo a baikopedi ba a filweng.

Mo go tse dingwe,o ne a bolela fa banalebogole ba tshwanetse go tshela botshelo jo bo tshwanang le jwa mongwe le mongwe yo o senang bogole,a re ke moo puso e boneng go tshwanela gore ba ba sa kgoneng go itira sepe ba neelwe P300 le batlhokomedi ba bone ba fiwe mananeo a nyeletso lehuma gore le bone ba kgone go ithusa.

Fa ba tswa la bone, makhanselara a ne a bolela fa puso e ntsha mananeo a mantle fela thata mme selabe se tla ka motsaya kgamelo. Ba re go diragadiwa ga mananeo go nna thata mo go felelang go tsaya lebaka gore baikopedi ba bone dithuso tsa bone.

Mokhanselara wa Matsitama, Rre Moipidi Molobeng a re kgang e nngwe ke ya tiego ya ba Water Utilities Corporation (WUC) go gokela metsi. 

Mokhanselara Rre Moseki Mathodi wa Tutume Bophirima ene o ne a bolela fa baikopedi ba ba neng ba ikopetse ditshingwana tsa digotlo di phutlhame ka ba ne ba kolota ba WUC mme metsi a felela a kgaotse tiriso ya metsi.

E ne e rile go le pele,modulasetilo wa khansele-potlana eo, Rre Ishmael Mokgethi a bolela fa sekole se se amogelang banalebogole sa Timbi dikago tsa tsone di sa tsamaelane le seemo sa bone.

Rre Mokgethi o tlhalositse fa gape kgwetlho e nngwe e le ya sepalamo ka bana bao ba tswa mo metseng e e farolaneng e e mo kgaolong ya Tutume mme sepalamo se se teng se tsaya palo ya bana ba le masome mabedi le borataro mme bone ba le masome matlhano le boroba bongwe seo se dira gore bangwe ba tsene morago ga nako kwa sekoleng.

A leboga ofisi ya dibetso tsa tlholego go bo e le tsebe ntlha go tsibogela dikgang tsa dibetso tsa tlholego. 

A re o sebete se molangwana ka thuso ya go agelwa matlo ya ba ba wetsweng ke seru ka go lebega go thusiwa  ba ba nang le fa ba ka latsang tlhogo teng mme go lebalwa  ba ba mo legoeleleng.

Rre Mokgethi o ile gape a supa fa ofisi ya nyeletso lehuma mo kgaolong e na le modiredi a le mongwe, a re o imelwa ke tiro ka kgaolo e le bophara ka jalo ga a kake a kgona a le nosi.

Rre Makgalemele o ile a ba solofetsa fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya khansele

Date : 28 Apr 2016